Kereke e aba dijo le paka ya sekole
06 Feb 2023
E ne ya re ka matlhatso kereke ya Mountain Of Transfiguration International Church ya supa mowa wa bopelotlhomogi mo setshabeng sa Botshabelo mo Selebi Phikwe ka go ba abela dimpho..
Kereke ene ya abela malwapa a le masome a matlhano dimpho di akaretsa dijo, paka ya sekole fa bangwe bone ba ne ba duelelwa madi a sekole, tse tsotlhe di lopileng P40 000.
E rile a tlhalosa maikaelelo a letsatsi moruti wa kereke eo, Mme Magdaline Makhenzie o ne a re kereke e tshwanetse go supa seabe sa yone mo tsamaisong ya tlhabologo ya Lefatshe ka jalo ba ne ba bona go le botlhokwa go abela ba ba tlhokang.
A re tiro ya kereke ke go bopaganya setshaba, a tlhalosa fa mo dipakeng tsa gompieno batho ba tletse tshakgalo ntateng ya kgatelelo ya maikutlo mme go tlhoka bakeresete go ema ka dinao go rapela kgatlhanong le se.
O ne a re go botlhokwa go bereka le boeteledipele jwa toropo, dikgosi le makalana a a ikemetseng, a re se se ka dira pharologanyo mo matshelong a batho ka ba ka kgona go thiba diphatlha mo go tse puso e sa kgoneng go di dira.
Mme Makhenzie a re bakeresete ba tshwanetse go bonwa ka ditiro tse dintle mo setshabeng, a re o dumela gore dimpho tse ba di abileng di tlaa dira pharologanyo mo matshelong a ba ba nnileng lesego go di bona.
Dingwe tsa dimpho tseo di ne tsa abelwa makgotla a bobelotlhomogi jaaka la Botswana Gender Violence Prevention and Support Centre kwa Francistown.
E rile a tswa la gagwe mothusa Ratoropo wa Selebi Phikwe Rre Molefhe Molathegi o ne a kopa ba ba abetsweng dimpho go di amogela ka lorato.
Rre Molathegi o tlhalositse fa bontsi jwa batho ba ba abetsweng dimpho e le ba ba thusiwang ka lenaneo la mmaboipelego, a re se se supa gore go santse go tlhaela go araba matlhoki a bone.
Rre Molathegi a re bogogi jwa toropo bo tshwentswe ke dikereke dingwe tse di senang seabe sepe sa go supa mowa wa bobelotlhomogi le ntswa di setswe morago ke matshititshwiti a batho bangwe ba bone ba ba nang le botlhoki.
A re se se a tshwenya ka puso e sa tlhole ena le madi a go ka thusa abtho botlhe mme go tlhoka gore mongwe le mongwe a thuse go ya ka fa a ka kgonang ka teng go tshegetsa ba ba kwa tlase.
O ne a lebogela tirisano mmogo e e nnileng teng magareng ga kereke le bogogi jwa toropo ya Selebi Phikwe go simolola fela ka nako e ba neng ba aga mogopolo wa go batla go aba go fitlha tiro e bo e wela.
Kabo dimpho eo e e neng e tshwaretswe kwa Kgotleng ya Botshabelo ene e tsenwe ke mopalamente wa kgaolo Rre Kgoberego Nkawana, makhanselara le bogogi ba toropo ya Selebi Phikwe.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : BOTSHABELO
Event : Kabo dijo le diaparo
Date : 06 Feb 2023