Emisang go rekisa lefatshe - Mochotlhi
31 Jan 2023
Banana ba tlhagisitswe go emisa go rekisa lefatshe.
Tlhagiso eo, e dirilwe ke modula-setilo wa Youth Commission, e e emetseng dikeletso tsa banana mo lekgotleng la Botswana Association of Local Authorities (BALA), Rre Collen Mochotlhi bosheng kwa kgotleng ya Tsabong.
O gakolotse banana ba kgaolo ya Kgalagadi Borwa, go somarela ditsha tsa bone, a re ba dirise mananeo a puso a a teng go tlhabolola ditsha, fa ba sena madi, go na le go di rekisa. Rre Mochotlhi, yo gape a leng mokhanselara wa kgaolo ya Lenganeng kwa Tlokweng, a re go rekisa go borai ka jaana molao o sa letle gore motho o ka fiwa setsha gabedi.
O ne a tlhalosa fa tiro ya BALA Youth Commission, ele go tlhomamisa gore go nna le tomagano fa gare ga maphata go ntsha mananeo a a lebaneng banana.
A re e re le ntswa mananeo a le teng, go na le dikgwetlho tsa go a ntsha, a tlatsa ka gore ‘gongwe a monate fa re a bua, mme a thata go a tsaya’.
Rre Mochotlhi a re o dumela gore fa ba kopane jaana, go botlhokwa go buisanya ka dikgwetlho tseo gore ba bone gore ba ka di baakanya ka jang.
A re go botlhokwa gore makalana a tshwana le Citizen Entrepreneurial Development Agency (CEDA) le Local Enterprise Authority (LEA) a nne teng go tlhalosa mananeo gore go bonwe gore monana o ka thusiwa jang.
A re ba ka dirisa tshono ya go itshoma mo lefatsheng le dikhansele di le bitsang ‘open spaces’, go dira dikgwebo go itshetsa, a tlatsa ka gore dikhansele di rotloediwa go adima banana mafelo ao ka dituelo tse di ko tlase.
Rre Mochotlhi o ne a gakolola banana go tsenya marapo dinameng fa ba filwe mananeo, a re ba tshwanetse ba supa gore ba ka tshepega go neelwa diketekete tsa madi go itlhabolola, mme ba emise go dirisa madi a ba a adimilweng go dira dikgwebo botlhaswa.
O ne a re go ka nna molemo fa banana botlhe ba ba neng ba tsenye phuthegong eo ba ka thusiwa ka bongwe ka bongwe, gore bokopano joo e seka ya nna puo ya molomo fela.
Fa a tswa la gagwe, Mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre Samuel Brooks a re go botlhokwa go jwala peo e e nonneng mo bananeng. A supa jalo gore moalo wa gagwe e le mopalamente wa kgaolo eo o akaretsa go tsosolosa bojanala le go tsenya banana mo mohameng oo.
Rre Brooks a re kgaolo eo e humile ditsa-tlholego jaaka diphologolo le tsotlhe tse di ka kgatlhisang leitlho, ka jalo go botlhokwa go itshwaraganya go roba tse dintle.
A re bontsi jwa lefatshe la Kgalagadi ke mafelo a diphologolo mme go na le dikgwetlho ka banni ba kgaolo eo ba tlhoka lefatshe la mafudiso.
A supa jalo gore Palamente erile bosheng ya dumalana go atolosa mafudiso go atumela mafelo a diphologolo (Wildlife Management Areas), mme mo nakong eno ditshekatsheko di tsweletse.
A re go botlhokwa go tsaya malebela mo mafatsheng a a mabapi, gore barui ba kgone go nosa leruo mo kgaolong e e sekaka.
Mopalamente a re banana ba ka itshetsa botoka fa go ka nna le lenaneo le le tsepameng le le itebagantseng le go atolosa metsi go nosa diruiwa, mme ba lopiwa dituelo dingwe gore lenaneo le tsamaisiwe sentle.
Kgosi David Toto a re isago e beilwe mo bananeng, mme a ba rotloetsa go tshwara ka thata a mo thutong le mo mehameng e e farologanyeng ya itsholelo. O ne a ba kopa go thusanya go tokafatsa matshelo a bone le go tsholetsa itsholelo ya lefatshe.
Maphata a puso ka go farologana jaaka la banana, metshameko le ngwao, temo thuo le la Ipelegeng a ne tsenye phuthego eo go itsise banana ka mananeo a puso a a ba lebaneng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : TSABONG
Event : Phuthego
Date : 31 Jan 2023