Baithuti ba sekole sa Pandagala ba katla barutabana tlhogo
26 Jan 2023
Mogokgo wa sekole sa Pandagala kwa Tutume, Rre Boynyana Siwela a re baithuti bangwe ba basimane ba dira ditiro tse di duleng mo tseleng, mme go dira jalo go itaya ba ba tlhoafaletseng go ithuta tsebe.
Rre Siwela o boile jaana fa a lekodisa komiti ya batsadi le barutabana ya sekole seo ka Laboraro.
A re sekole seo, se se nang le baithuti ba le makgolo a le marataro le 626, se na le palo e ntsi ya basimane go na le basetsana.
Sekole seo se na le basimane ba le 328 fa basetsana ba le 298.
A re basimane bangwe ba na le mekgwa ya bo-tlhoka tsebe jaaka go thuba dithoto tsa sekole, go goga ditagi le dintwa tse di felelang ka dikgobalo.
A re ba leka go ba busetsa mo tseleng, mme a kopa tirisano mmogo le ba-na-le seabe.
O ne gape a lela ka tlhaelo ya matlo a borutelo, ditilo le ditafole, a bolela fa palo ya baithuti e oketsegile.
A re sekole se ne se abetswe madi a kago ya matlo a borutelo a le mabedi, mme ka go tlhoka lesego tiro eo e eme morago ga go re beng ba dikonteraka ba gogagogane, a tlatsa ka go re kgang e santse e ile lekgotleng la ditsheko.
Rre Siwela a re maduo a a sa tswang go ntshiwa a baithuti ba lekwalo la boraro a supa fa go nnile le tokafalo fa go tshwantshanngwa le a ngogola.
A re a a nametsa ka ba kgonne go oketsa ka seven per cent mme ya nna 35.9 per cent.
O ne a tlhalosa fa moithuti a le mongwe a tsere letshwao la A, ba le lesome le botlhano ba tsere B, fa ba ba tsereng C ba le masome matlhano.
Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa lekgotla la batsadi le barutabana, Rre Nguni Moloi o ne a bolela fa barutabana ba lela ka baithuti ba ba nnang ba le nosi mo malwapeng le go tlhoka go etela sekole ga batsadi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME -
Event : Tekodiso
Date : 26 Jan 2023