Dikago tsa dikole di tlaa baakanngwa - mothusa tona
26 Jan 2023
Puso, ka Lephata la Thuto le Tlhabololo Dikitso, e tsere tshwetso ya go baakanya dikago tsa dikole gore di nne mo seemong se se siametseng tsamaiso ya thuto.
Mothusa tona wa Thuto le Tlhabololo Dikitso, Rre Aubrey Lesaso o buile jalo ka Laboraro mo loetong lwa gagwe lwa go lekola seemo sa dikago tsa dikole tsa kgaolo ya botlhophi ya Lerala/Maunatlala.
Dikole tse, di ne di akaretsa tse dikgolwane tsa Mokgalo le Maunatlala gammogo le tse dipotlana tsa Lecheng le Malaka.
Tona Lesaso a re puso e lemoga gore dikole ka bontsi di dikgologolo, e bile di kgotlhagantse baithuti, bogolo jang tse di nang le maroko a baithuti.
Go tsibogela kgwetlho e, a re o ne a bona go le botlhokwa gore a etele dikole ka go farologana go iponela seemo sa dikago le go ikutlwela dikgwetlho tse di lebaneng boeteledipele jwa dikole mo tsamaisong ya dikole.
“Re tshwanetse gore re babalele dikago tsa puso, jaaka dikole, e seng go di tlogela di goroga mo seemong se e leng gore di senyega mo di ka sekeng tsa kgona go baakanyesega ka seo se ka lopa madi a a seng kana ka sepe go di baakanya,” a kgalema.
“Ke tsaya gore fa re ka baakanya dikole, tokafatso maduo e ka nna teng ka gore baithuti le barutabana ba ka kgothala ka ba tlaa bo ba na le fa ba robalang le fa ba rutelang teng sentle,” a tlatsa.
Tona o supile gape gore go botlhokwa gore tshireletsego ya dikole le yone e tokafadiwe, go netefatsa gore go tla dikoleng ka dilo tse di borai, jaaka dithipa, ga baithuti go a ema.
Go yeng pele, a re Lephata la Thuto le Tlhabololo Dikitso le tlaa dira gape gore go nne le mooki le lefelo la tshidilo maikutlo mo dikoleng tsotlhe tse di nang le maroko a baithuti.
“Ke boikarabelo jwa puso gore dikole di nne mo seemong se se siametseng tsamaiso ya thuto.
Ga se gore re ntse fela, ke ka moo re tsereng tshwetso ya go tsamaya re lekola seemo sa dikole gore mo Transitional National Development Plan e e tlang e, re kgone go simolola go di baakanya,” ga bua Rre Lesaso.
Mothusa tona o ne gape a leboga a bo a akgolela barutabana gore ba bo ba tsweletse ka go dira tiro ya bone ka natla, le ntswa ba na le dikgwetlho.
Mo godimo ga moo o rotloeditse le baithuti go tsaya thuto ka tlhoafalo gore ba kgone go fenya ditlhatlhobo le gore ba iphaphe mo botlhokeng tsebe le tshenyo ya dikago tsa dikole. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : LECHENG
Event : POTSOLOTSO
Date : 26 Jan 2023