Breaking News

Kgokgontsho ya bana mmaba

26 Jan 2023

Kgokgontsho e santse e tsweletse mo setshabeng mme sebe sa phiri ke gore, dipalo tse di begwang kwa mapodising, di kwa tlase fa go tshwantshanngwa le ditiragalo tsa kgokgontsho.

Mookamela Mapodisi a Mahalapye, Senior Superintendent Reuben Mphoeng a re kgokgontsho e e amanang go dirisa bana ba dingwaga tse di kwa tlase botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo e kwa godimo.

Fa a bua ka Labobebdi kwa bokopanong jwa komiti e e lwantshang kgokgontsho, Sen. Snr Mphoeng o supile fa ka 2021, ba ne ba gatisa dikgang di le masome mararo le bosupa fa ngogola ba gatisitse di le masome a mabedi le botlhano, e le tsa tiriso botlhaswa ya bana ba dingwaga tse di kwa tlase.

Snr Supt Mphoeng yo o neng a bua kwa phuthegong ya makalana ka go farologana, a re fa makalana a ka tshwaragana, ba ka ya golo gongwe go fedisa dikgang tse ka gore batho ba tshela ka letshogo la gore bana ga ba a sireletsega.

O boletse fa bomme le bana ba sa tshele sentle mo malwapeng, ba kgokgontshiwa mme se se dira gore bana ba ba golelang fa go ntseng jalo, ba kgokgontshe ba bangwe kwa sekoleng ka gore ba tshela ka kutlobotlhoko e ntsi.

Supt Mphoeng o gakolotse komiti go tshwaragana le go dira ka natla, go fitlhelela maikaelelo a bone go bopa tshaba e e sireletsegileng.

Mogokgo wa sekole se segolwane sa Pekenene, Rre Julius Otukile o supile fa ba itumelela maiteko a komiti, a re dikgang tsa kgokgontsho di teng mo sekoleng sa bone mme go molemo gore ba di tshwaraganele.

Rre Otukile o tlhalositse fa bana ba kgokgontsha ba bangwe, ba ipopa digongwana fa sekole se tswa ba bo ba lwantsha ba bangwe ka dilo tse di borai.

A re mokgwa o, ga o kwa Pekenene fela, o mo dikoleng tsotlhe tse di kgolwane mme a kopa gore dikgang tse di tsibogelwe ka gore bana ga ba a babalesega le fa ba tsile sekoleng mo go felelang go isa maduo kwa tlase e bile go tshabisa bangwe sekole.

Mogolwane go tswa kwa ofising ya bong, Mme Baleseng Marumo o tlhalositse fa dikgaolo tse di kgakala le ditlamelo e le tsone di amegang thata ka gore ga go tsewe dikgato ka nako fa kgokgontsho e diragala.

O supile fa bontsi jwa malwapa a eteletswe pele ke bomme ba e a reng mo tsamaong ya nako, ba bone borre ba ba tshelang le bone, ba ba felelang ba dirisa bana botlhaswa ka gore ga se ba bone.

Mme Marumo o supile fa bana ba sa tlhokomelwe sentle mo malwapeng ka gore bontsi jwa batsadi ba batla ditiro, bangwe ba a bereka ba tlhoka yo o salang le bana fa sekole se dule.

O gakolotse batsadi go leka ka bojotlhe go tlhokomela bana le fa dikgwetlho tsa botshelo di sa letle.

 A re fa ngwana a tshela sentle go tswa kwa lwapeng, go ka fokotsa kgokgontsho e e diragalang kwa dikoleng.

Mme Marumo a re go tlogela bana ba sena tlhokomelo ke kgokgontsho e bile go ama kgolo ya bone mme a kopa gore dikgang tse di emelwe ka dinao gore diemo tsa go nna jalo di eme.

O tlhalositse fa ofisi ya bong e amogela dikgang tsa batho ba ba kgokgontshiwang mme ba tlhoke kwa ba ka ba bayang teng go ba sireletsa fa ba santse ba sekaseka dikgang tsa bone, ka jalo a kopa gore kgang e ya dikago tsa mofuta oo e sekasekwe gore batho ba kgone go thusiwa.

Mme Marumo o supile gape fa bana ba tswa mo sekoleng ka lebaka la kgokgontsho mme a gakolola gore dikgang di begelwe ba ba maleba gore bokamoso jwa bana bo sireletsege. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaone Fati

Location : MAHALAPYE

Event : Bokopano jwa komiti e e lwantshang kgokgontsho

Date : 26 Jan 2023