Breaking News

Barolong ba tlaa dika ba goga bokete

25 Jan 2023

Balemi ba kgaolo ya Morolong ba re monongwaga go lebega ba sena go tswa ka sepe kwa masimo, ka jaana pula e le boutsana go ralala kgaolo.

Mo potsolotsong le BOPA, moanamisa mafoko wa Good Hope District Crop Farmers Association, yo e bileng e le mongwe wa balemi ba kgaolo eo, Rre Johnson Maseng a re o lemoga gore monongwaga go tsile go nna leuba.

Rre Maseng a re letlhoko la pula go ralala kgaolo eo le dirile gore balemi ba palelwe ke go baya ditema. 

O tlhalositse gore lephata la temo-thuo le sale le ititeile ka thupana go abela balemi dipeo, sebe sa phiri e nnile gore pula ebo e sa ne.

“Ke ne ke beile ditemanyana tsa mmidi tse ke di jadileng Sedimonthole a ya fifing, mme jaanong dijalo tsa me di simolotse go babalelwa ke letsatsi ka gore pula e sale e eme go na,” a tlhalosa.

O tlhalositse gore monongwaga ga a bone fa go na le molemi mongwe yo o tlaa tswang ka thobo mo masimo ka gore le yone nako ya letsema jaanong e setse e ile.

A re mo nakong ya gompieno dijalo ka bontsi di a bo di setse di tloga di butswa, mme gompieno ke matlhotlha pelo fela ka gore le gone go pitikolola mmu bontsi ga bo ise bo go dire.

A re le fa go ka okediwa nako ya letsema e e tlang bokhutlong kgwedi eno e ya fifing, ga a bone go ka nna le dipoelo ka gore go le gantsi phefo ya borwa e a ne e sale e tlhabile. 

Rre Maseng o tlhalositse gore ene fa pula e ne e ka na go ise go tswalelwe letsema gongwe o ne a ka lema dinawa le manoko ka e le dijalo tse di sa tseeng lobaka go butswa.

Rabalemisi wa kgaolo ya Morolong, Rre Nigel Modisaemang a re le bone e le lephata ba tshwentswe ke letlhoko la pula.

A re mo nakong ya gompieno ba akanyetsa gore go ka tswa go lemilwe diekere fela di le ka fa tlase ga makgolo a supa, mme e bile go lebega go se na go tswa sepe mo go tsone, ka pula e sale e na ka Sedimonthole ngogola.

Rre Modisaemang o supile fa balemi ba sale ba phakile dipeo, mme ba swabisiwa ke seemo sa loapi, a tlatsa ka go re le beng ba diterekere go lebega letsema la ngwaga o ba ne ba le ipaakanyeditse sentle.

A re mo kgaolong ya gagwe molemi a le mongwe fela yo o lemelang kgwebo ke ene a neng a setse a lemile fa manoto a mangwe e le balemi ba ba botlana.

Mogolwane wa tepo loapi, Rre John Stegling a re ba solofetse pula e e seng ya sepe beke e, mme e tlaa re Tlhakole a simolola a bo e le gone dipula di simololang go na ka mashetla mo kgaolong ya borwa.

O tlhalositse gore kgwedi ya Hirikgong ga se gantsi pula e na e le ntsi mo kgaolong ya borwa, a re sebe sa phiri fela ke gore phefo ya borwa e a ne e sale e tlhabile, mariga a santse a le kgakajana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : GOOD HOPE

Event : Potsolotso

Date : 25 Jan 2023