Kgosi Puso o gwetlha magosi go nonotsha dikitso
25 Jan 2023
Magosi a gwetlhilwe go nonotsha dikitso tsa bone gore ba kgone go itepatepanya le diphetogo tse di diragalang mo lefatsheng.
Modulasetilo wa Ntlo ya Dikgosi, Kgosi Puso o ba kgothaditse jalo kwa ithutuntshong ya maloko a Ntlo ya Dikgosi e e neng e rulagantswe ke ba Botswana National Productivity Centre (BNPC) mo Gaborone ka Labobedi.
Kgosi Puso o tlhalositse fa mo nakong ya gompieno kgosi e sa itebaganya le tsa ngwao fela, a supa fa kgosi e tshwanetse go nna motho yo o nang le dikitso tse di ka mo thusang go godisa, go bopa, go rotloetsa le go kgothatsa ba a ba eteletseng pele.
Ka jalo, o kaile fa thutontsho e, e tlaa ruta maloko go diragatsa thuto e, bogolo jang ka e tla morago ga dingwaga tse pedi e sena go kgaupediwa ke COVID-19, e ka nako ya yone bokopano bo neng bo se motlhofo mme go dirisiwa maranyane thata.
“Re le ba Ntlo ya Dikgosi, re ne ra bona go le maleba gore re tswelele ka go dira ithutuntsho e maikaelelo a yone e leng go itepatepanya le diphetogo tse di diragalang mo tikologong ya rona.”
A re mo nakong ya gompieno lefatshe ka kakaretso le bua ka dikgang tsa konokono tse di amang botsamaisi, maranyane le ditlhabololo tsa sennela ruri, a supa fa dikgang tse di le botlhokwa e bile e le tse di amang matshelo a batho.
A re fa motho a amule dikitso, o kgona go lebelela dilo ka leitlho le sele le ka pharologanyo, ka jalo, go nne motlhofo go fetola tikologo e a tshelang mo go yone le gone go fetola tshaba e a e eteletseng pele.
Kgosi Puso o tlhalositse fa ithutuntsho e tlaa thusa go diragatsa maikemisetso a ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a tlhomo ntsha le go fetola ka fa dilo di dirwang ka teng.
O ne a kopa maloko go tsaya thutontsho ka tlhoafalo, le go ya go diragatsa se ba se ithutileng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Naomi Leepile
Location : GABORONE
Event : Ithutuntsho
Date : 25 Jan 2023