Breaking News

Go ngodiega go dia ditlhabololo

25 Jan 2023

 Selo se se tshwenyang mo Botswana ke go tlhoka go diragatsa le go wetsa ka nako, ditlhabololo tse go dumalanweng gore di dirwe e bile di abetswe madi, mopalamente wa kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami a supa.

Dr Kesitegile Gobotswang o kaile jaana fa a buisa diphuthego tsa kgotla kwa Borotsi le Chadibe ka Mosupologo.

“Fa e le gore bonya jo re bo bonang jo jwa go diragatsa ditlhabololo tsa puso bo tlaa tswelela, go tlaa raya gore ditlhabololo di tlaa pala go wediwa ka nako. Mme kana ditlhabololo fa di sa diriwe ka nako, di diya tse dingwe a bo di felela di ya go dirwa ka madi a a kwa godimo,” Dr Gobotswang a tlatsa.

Dr Gobotswang o tlhaloseditse banni gore Palamente e dumalane le kopo ya puso gore National Development Plan 12 e sutisediwe kwa go Moranang a rogwa ka 2025.

A re Palamente e dumalane gape le kopo ya puso gore e dire lenaneo la ditlhabololo la nakwana la dingwaga tse pedi tsa 2023/2024 le 2024/2025, le le bidiwang Transitional National Development Plan, ka P64 billion.

“Ditlhabololo tsa kgaolo ya rona tse di mo lenaneong le, di akaretsa kago ya dikokelwana tsa Pilikwe le Borotsi, sekole sa Letoreng, dikole tsa bobedi tse dipotlana tsa Chadibe le Ramokgonami, go atolosiwa ga diofisi tsa kgotla tsa Ramokgonami le go atolosiwa ga tsela ya Palapye/Martin’s Drift le borogo jwa teng,” Dr Gobotswang a tlhalosa.

O boleletse banni gore ditlhabololo tse dingwe di tlaa tswelela ka go dirwa ka mananeo a mangwe jaaka la Ipelegeng le le agelang batlhoki matlo.

Dr Gobotswang o supile gape fa puso e dirile phetogo e nngwe ya gore lenaneo la madi a P10 million a a ntseng a dira ditlhabololo mo dikgaolong tsa botlhophi a fitisediwe kwa dikhanseleng go lebagana le go dira ditsela le mesele e e mo metseng.

Mo go tse dingwe, Dr Gobotswang o akgotse boeteledipele jwa dikole tse dipotlana tsa Thabakanaka le Chadibe ka maduo a a itumedisang a lekwalo la bosupa tsa 2022.

 O ne a supa matshwenyego ka go diega ga go goroga ga metsi go tswa Mahalapye go ya kwa metseng mengwe ya Tswapong gammogo le tiego ya peo ya ditsha.

Le ntswa pula e le boutsana, Mopalamente o rotloeditse banni gore ba seka ba kgobega marapo mo temong.

“Paka ya temo e sa le teng, mme re tshwanetse re leme fa pula e ka re gopola,” Dr Gobotswang a kgothatsa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lorato Gaofise

Location : BOROTSI

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 25 Jan 2023