Ba Tutume ba mo patlong ya ngwana
25 Jan 2023
Mapodisi a Tutume a mo patlong ya lesea la dingwaga tse tharo le le saleng le nyelela Hirikgong e le lesome le bone kwa merakeng ya Tjiripa, dikhilomitara tse some go tswa mo Tutume.
Ngwana yoo go bolelwa fa a dule le bomogolowe ba ya go bapala moretologa mme ba boa ba sa mo tshola. Mookamela kgaolo ya sepodisi e e akaretsang bontlha bongwe jwa Francistown, Bokone Botlhaba, Nkange le Nata, Senior Superintendent Kabo Badirwang a re mo letsholong la patlo ya ngwana yoo ba bone motlhala o ba kaileng o ka tswa e le wa gagwe o tsamaya mo molapong dikhilomitara tse di ka tshwarang masome a mane go tswa kwa lefelong la tiragalo, mme maiteko a go mmona a itaya sefololetse.
Snr Supt Badirwang yo o neng a bua kwa merapelong kgatlhanong le dintsho, dipolaano, go nyelela ga batho le kgokgontsho ya bong kwa Tutume ka Mosupologo, a re ke tiragalo ya bobedi go diragala mo Tutume morago ga gore mosimanyana wa dingwaga tse thataro wa kgotla ya Magapatona a nyelele mme morago a ya go bonwa a kokobetse mo metsing kwa nokeng gaufi le meraka ya Tjiripa.
O boletse fa dikgang tsa go nyelela ga batho di atile mo kgaolong e a e okametseng mme batho bao ka bontsi ba bonwa ba tshela.
Ka jalo mookamedi o kopile banni ba Tutume go thusana le mapodisi go lwantsha borukutlhi jo.
A re gape ba mo letsomong la go batla motho yo go belaelwang a bakile leso la mme yo o neng a ratana le ene yo o fitlhetsweng ka dintho tse di masisi a tlhokafetse kgwedi eno e le lesome le bosupa e ntse e le kwa Tutume.
O ikuetse mo setshabeng go ba loma tsebe fa ba ka utlwalela moshwadile ka ga rre yoo.
Gape o ne a bolela fa ba tshwenngwa ke melato ya go thuba le go utswa mo matlong, a bolela fa batho le bone ba na le go itlhaba ka thipa mpeng ka go hira batswakwa ba ba senang diteseletso tsa go nna mono.
E ne e rile pele Kgosi Tapson Madikwe wa Tutume a bolela fa a tshwentswe ke ditiragalo tse di diragalang mo motseng tsa go nyelela ga batho, bogolo jang bana le dipolao mme ditiragalo tseo di diragala ka go tlhomagana.
Kgosi Madikwe a re o ne a bona gore segolo a bitse dikereke tsa motse go tla go rapedisa seemo seo. A re thapelo ke yone e ka fetsang masula a a diragalang mo motseng.
O ne a kopa mapodisi go diragatsa molao ka go tshwara batho ba ba inaakantseng le go gasa dikgang tse e seng tsone mo maranyaneng.
A re dikgang tsa go nna jalo di kgobera bangwe maikutlo.
Mopalamente wa Nkange Dr Never Tshabang ene o ne a kopa batho go nna ba itshidila maikutlo fa ba na le diemo.
A re go bolaana kana go ikgapela botshelo ga se tharabololo ya mathata mme ke go tsisa matshwenyego mo go ba ba salang.
O ne a kgala a sa kgwe mathe ba ba dirisang facebook botlhatswa, a re ba na le go bega dikgang tse di ka tsisang dikgoberego mo motseng.
“Ikgalemeleng lona banana. Itshwareng jaaka batho ba ba nang le tebelopele ya bokamoso,” a rialo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Merapelo
Date : 25 Jan 2023