Breaking News

Tsela ya A3 e tlaa dirwa sesha mo bogaufing

24 Jan 2023

Fa a araba dilelo tsa banni ba Marobela, Sebina, Nshakashogwe, Marapong le Semitwe mo kgaolong ya Shashe Bophiri mamabapi le tsela eo, Rre Molao o ne a tlhalosa fa tsela eo e sa itlhokomolosiwa mme e tlaa dirwa sesha mo nakong e e sa fediseng pelo.

Le fa gontse jalo, Rre Molao o ne a tlhagisa ka bodiphatsa jwa go kgweetsa ka lebelo le le kwa godimo e bile go sena kelelelo, a re ke sengwe se se bakang dikotsi mo ditseleng.

Banni ba ne ba kopile gore tsela ya A3 e e tswang Francistown e ya Maun e potlakelwe ka jaana dikotsi tsa dikoloi di le kwa godimo e bile di gapa matshelo a batho.

Banni ba ntshitse kopo eo kwa diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa kgaolo, Rre Fidelis Molao, bosheng. 

Ba ne ba supa fa tsela eo e sa tsamaege ka jaana e na le dikhuti tse dintsi, ka jalo bakgweetsi ba tlamega go fapoga fa ba fapaana le ba bangwe, bogolo jang ba dikoloi tsa megobagoba.

Ba tlhalositse fa go setse go le dingwagangwaga ba ikuela ka tsela eo, mme ba nna ba solofediwa fa e tlaa dirwa, nako kgolo ke eno.

Ba ne ba kopa gape gore ditsela tse di mo metseng le tse di yang kwa masimo le tsone di baakanngwe.

Mo go tse dingwe, banni ba ne ba supa fa ba sa itumelele go ngongorega ga beng ba dikonteraka bangwe fa go sena go ajwa thendara le go lwela melelwane, ba supa e le dingwe tse di diyang go tswelela pele ga ditlhabololo.

Ba ne ba tswelela ba supa fa ba sa itumelele tiego ya peo ya ditsha, tlhaelo ya matlo a boroko jwa badirelapuso le a borutelo, bangwe ba supa fa dikago tsa dikole tsa bone di senyegile mme di tlhoka go baakanngwa. 

Mme Judith David wa Semitwe o ne a supa fa a tshwenngwa ke tlhaelo ya barutabana kwa sekoleng se sebotlana sa motse, a supa fa baithuti ba kgona go nna dikgwedi ba sena morutabana mme e bile ba kgona go fetela kwa setlheng se sengwe ba ise ba ko ba nne le morutabana.

A re seo ke sone se se bakang gore sekole se ntshe maduo a a sa nametseng ngwaga le ngwaga.

Kwa Marobela le Marapong, banni ba ne ba itumelela gore selelo sa bone sa letlhoko la metsi se arabilwe le ntswa phatlalatso ya one e ise e aname mo dintlheng tsotlhe tsa metse.

Fa a ama dikgang tse dingwe, Rre Molao o ne a tlhalosa fa tshwetso ya go itsa merogo le paka ya dikole go tsena mo lefasheng go tswa kwa ntle, e diretswe go neela Batswana sebaka sa gore e nne bone ba ba di dirang gore ba kgone go di rekisa go dira letseno le go tlhamela ba bangwe ditiro.

Rre Molao o ne a gakolola balemi ba merogo ka botlhokwa jwa go ithulaganya, a re fa ba bapile ba seka ba jala dijalo tse di tshwanang nako e le nngwe. A re go dira jalo go ka ba thusa gore ba seka ba fekeediwa ke thobo   mo ba felelang ba tlamega go diga ditlhwatlhwa. Go sale foo, o ne a ba itsise ka lenaneo la kgwediso ka seatla, le a boletseng fa maikaelelo a lone e le go leka go oketsa leruo mo lefatsheng, segolo jang dihutshane. O ne a tlhalosa fa dihutshane di le bogadi bo gaufi mme e bile tlhokomelo ya tsone e se bokete mo go kalo jaaka thuo ya dikgomo.

Banni ba ne ba tshepisiwa fa matshenyego a bone a tlaa rarabololwa mo nakong e e sa fediseng pelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : SEBINA

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 24 Jan 2023