Breaking News

Ba Nkoyaphiri ba lela ka lefatshe

24 Jan 2023

Banni ba Nkoyaphiri mo kgaolong ya Mogoditshane ba ngongoregile ka tlhaelo ya lefatshe le tiego ya kabo ya ditsha mo kgaolong ya bone.

Ba buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa kgaolo, Rre Tumiso Rakgare, tse maikaelelo a tsone e leng go rerisana le morafe ka tsa palamente e e fetileng le go utlwa matshenyego a bone.

Bontsi jwa banni ba ne ba supa fa ba sa itumelele ka fa ba thusiwang ka teng ke ba ofisi ya kabo ditsha ya Mogoditshane, ba re ba tsaya lobaka go araba dikopo tsa bone.

Ba supile fa motse wa bone o dikologilwe ke bomaipaafela ba ba dirisang ditlankana tsa ditsha tse di seng ka fa molaong, mme selo seo se dira gore banni ba tlhaelwe ke lefatshe.

Rre Rakgare o ne a tlhalosetsa banni fa a itse ka seemo seo, mme a supa fa ba sekasekile kgang ya teng le ba ba maleba, e bile ba dumalane gore seemo se tlaa tsibogelwa ka pele.

Rre Rakgare, yo gape e leng tona wa Banana, Bong, Metshameko le Ngwao o supile fa lephata la gagwe le tlaa gagamaletsa ba ba tlolang molao setoropo, a supa fa ba tlaa bereka le mapodisi gore ba ba thuse go lwantsha borukutlhi.

Mo mafokong a gagwe a tebogo, Kgosi Keotshephile Motlhabane wa Nkoyaphiri o ne a lela ka seemo sa kgopho ya metsi mo motseng, a supa fa se le diphatsa mo bathong le diruiwa.

Kgosi Motlhabane o ne gape a kgothatsa banni go tlhoafalela go tlhokomela mananeo a ba thusitsweng ka one, ka seo se ka thusa mo tlhabololong ya matshelo a bone le go fokotsa dipalo tsa ba ba tlhokang.

O ne a kgothatsa badirelapuso go isa ditirelo kwa setshabeng ka nako tsotlhe, le go ba tlhalosetsa mo go tseneletseng ka fa mananeo a berekang ka teng, go itsa dikgotlhang le ketsaetsego fa gare ga bone le morafe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Naomi Leepile

Location : GABORONE

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 24 Jan 2023