Breaking News

Go bulwa ga kgoro ya bojanala kwa Khawa go tlaa ungwela setshaba

24 Jan 2023

Go bulwa ga kgorwana ya lefelo la diphologolo la KD15 gaufi le Khawa go ka oka bajanala mme seo se thuse mo go tokafatseng le go tlhabolola Kopanelo Development Trust.

Mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre Sam Brooks o buile jalo bosheng kwa Khawa fa a lekola ditiro tsa ditlhabololo tse di dirwang mo kgaolong eo le go buisanya le morafe ka go tlhabolola metse le ka fa ba ka solegelwang molemo ke di-tsa tlholego tse di mo metseng ya bone ka teng.

O ne a tlhalosa fa go bulwa ga kgorwana eo, e e dikhilomithara tse di masome a mabedi le boraro go tswa Khawa, go ka tokafatsa itsholelo, le go direla Kopanelo Development Trust letseno le le botoka, go tlhamela banni ditiro le go tlhabolola matshelo a bone.

Mopalamente o boletse fa kgorwana eo e dikago tsa yone di tsweletseng, e tsile ka nako e e maleba ka e tlaa thusa le go akolwa ke bajanala, barati le barotloetsi ba Khawa Dune Challenge ka boroko le tse dingwe, ka jaana gantsi maroko ka nako eo a tlhaela.

Mopalamente Brooks o ne a supa fa gape go tlaa dirwa ditsela mo lefelong leo tse di tlaa lomaganyang le go kgontsha bajanala le banni go iphokisa phefo ba tsamaya motlhofo go ya mafelong a mangwe a diphologolo le metse e e mo tikologong.

O ne gape a ya go lekola didiba tse pedi tse di mo tirisong mo lefelong la diphologolo, ga mmogo le pane ya Khonka e e mo lefelong la KD27, le gantsi diphologolo di kokoanelang kwa go lone ka le tshegetsa metsi fa pula e nele.

O ne a supa fa lefelo leo le tshwanelwa ke go tlhabololwa ka tshwaragano ya maphata a akaretsa ba kabo ditsha, metsi ,baeteledipe ba metse.

A re Khawa Kopanelo Development Trust e eme ka dinao go tshwaragana le ofisi ya mopalamente go ntsha megopolo, dikakanyo le dikeletso tse di maleba tse di ka isang kwa pele kgaolo eo.

Modulasetilo wa Khawa Kopanelo Development Trust, Rre Piet Osenoneng o ne a supa fa go bulwa ga kgorwana eo go ka ba sololegela molemo, bogolo jang banana, go ka itshetsa ka ba kokonelwa ke letlhoko la ditiro.

Rre Osenoneng o boletse fa banni ba koo ba itshetsa ka go dira mo lenaneong la Ipelegeng, selo se a supileng fa se ka tsisa pharologanyo mo matshelong a bone.

O boletse fa lekgotla la bone le kwadisitswe semmuso ka 2001, mme ba setse ba le malala a laotswe go ipaakanyetsa ditlhabololo tsotlhe tse di tlang mo motseng.

Fa a ntsha la gagwe, Kgosi Piet Manyoro wa motse oo o ne a gwetlha badirelapuso go ema ka dinao go tshwaraganya maphata a a farologanyeng, ka e le bone matlho a puso.

O ne a kopa gape gore beteledipele le morafe ba thuse mo katlegong ya ditlhabololo kwa motseng oo.

O bile a lebogela mopalamente loeto lwa gagwe lo a supileng fa le tlaa ntsha maduo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : KHAWA

Event : tekodiso

Date : 24 Jan 2023