Kwa Shoshong ba lela ka letlhoko la ditiro
23 Jan 2023
Banni ba Shoshong ba ngongorega ka letlhoko la ditiro, segolo bogolo mo bananeng.
Ba re bontsi jwa banana ga ba bereke e bile ga ba na lepe letseno mme kgaolo e na le meamuso ya tlholego e e ka tlhabololang matshelo.
Matshwenyego a, ba a supile mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Shoshong, Rre Aubrey Lesaso ka Labobedi kwa Shoshong mme ba kaya fa ba ne ba solofediwa fa moepo wa Ikongwe o tlaa bulwa go tsisa mebereko mo kgaolong, selo se se iseng se kgonagale.
Ba kopile mopalamente go ba batlela tlhaloso ka go bulwa ga moepo ka e le one o o ka thusang go ba inola mo seemong se ba leng mo go sone.
Banni ba re ba beile mo lenaneong la Ipelegeng.
Rre Lesaso o solefeditse fa a tlaa ikopanya le ba ba maleba gore ba tle ba tsise tlhaloso kwa morafeng ka se se tshwereng go bulwa ga moepo.
Mo loetong lwa gagwe go lekola dikole tse dikgolwane tsa Mahutagane le Shoshong, Rre Lesaso o akgoletse barutabana tiro e ntle e ba e dirang.
A re ba itse letlhoko la dikole mme ba leka ka bojotlhe gore di baakanngwe, go nne le didirisiwa tse di tlhokegang gore maduo a bana a tokafale le barutabana ba berekele fa go siameng.
Fa a tswa la gagwe, mothusa mogokgo wa sekole sa Mahutagane, Rre Brets Motlogelwa o kopile gore ba fiwe morutabana wa bana ba ba rutwang mo go faphegileng gore a thuse bana ba ba sa itseng go bala le go kwala.
Rre Motlogelwa a re bontsi jwa bana ba, ba na le bokgoni, ba tlhoka fela yo o ka ba thusang gore ba kgone ba dire sentle mo dithutong tsa bone.
O tlhalositse fa barutabana ba ba leng teng, ba sa kgone go lemoga bokoa jwa bana jaaka ba ba nang le boitseanape jwa go dira jalo.
Rre Motlogelwa a re seemo sa bana ba, se ama maduo a sekole ka gore palo ya bone e ntsi mme e felela e isa maduo a sekole kwa tlase ka ba sa pase gotlhelele.
O tlhalositse fa ba leka go kwadisa bana ba kwa go tshwanetseng teng mme go tsaya lobaka gore ba thusiwe, mo go dirang gore bana ba felele ba kwala ditlhatlhobo tsa makgaolakgang ba sa bona thuso.
Rre Motlogelwa o boletse fa ba tlaa itshwaraganya le dikole tse dipotlana go leka go thusa bana ba fa ba santse ba emetse ba ba maleba. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaone Fati
Location : Shoshong
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 23 Jan 2023