Breaking News

Itlhameleng mebereko - Mopalamente

23 Jan 2023

Mopalamente wa kgaolo ya Selebi Phikwe Botlhaba, Rre Kgoberego Nkawana o rotloeditse banni ba Botshabelo go dirisa menyetla e e teng go itlhamela ditiro.

Rre Nkawana o buile jaana mo phuthegong ya kgotla kwa Botshabelo jaaka a ne a le mo loetong lwa go rerisa batlhophi ka mananeo a puso le melao e e dirilweng kwa Palamenteng e e fetileng.

O buile jaana fa a ne a tsibogela matshwenyego a a ntshitsweng ke mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya kgaolo ya Botshabelo mabapi le letlhoko la ditiro kwa Selebi Phikwe.

Rre Nkawana a re puso e tsere tshwetso ya gore madi a dikgaolo tsa botlhophi a bopalamente a dirisiwe go dira ditsela tsa mo motseng lefatshe ka bophara, se e le tsela nngwe ya go tokafatsa metsamao fa gare ga metse le ditoropo.

A re se ka bo sone, se tsile go tlhamela batho ba le bantsi mebereko ka go tlaa bo go hirwa bana ba ba tswang mo kgaolong mme go dirisiwa ditena ka di le tlhotlhwa e e kwa tlase gona le sekonotere.

O rotloeditse banni ba Botshabelo go ipopa ditlhopha go dira dikhamphani tse di ka foromang ditena tse di yang go dirisiwa go na le gore di rekwe kwa ntle ga Selebi Phikwe ka se, se ka fokotsa leshekere la letlhoko la ditiro.

Mopalamente o ne gape a ba rotloetsa go tswa mo mokgweng wa gore e re go na le ditiro tse di ka dirwang ke bana ba lefelo leo, bangwe ba bo ba ngoka bangwe go tswa kwa mafelong a mangwe, a re se, se rontsha bana ba ba ka bong ba bone sebaka sa go dira tiro tshono.

Rre Nkawana o lekodisitse banni ba Botshabelo fa go tlaa agwa kokelo kwa Mekorong go bo go atolosiwa kokelo ya Botshabelo go nnna e kgolwane e e tlaa bong e na le ditlamelo go imolola sepatela se setona tiro ka dipalo tsa batho ba Botshabelo di godile.

Monni wa Botshabelo, Rre Kabelo Kgakololo o supile fa Palamente e latlhile ngwao, a supa fa mo dingwageng tse di fetileng go ne go dirwa merero le setshaba go utlwa maikutlo pele ga go ka dirwa melao.

Rre Kgakololo o kopile mopalamente go ya go kopana le balekane ba gagwe go sekaseka gore a se ba se dirang ga e tlaa re mo nakong e e tlang ba iphitlhele ba beile Batswana ka fa mosing mabapi le ditshwetso tse ba di tsayang go sena therisanyo.

O ne gape a kopa gore puso e sekaseke lenaneo le go neng go jesiwa babereki ba Ipelegeng, a supa fa go dira jalo go ne go thusa thata mo letlhokong la ditiro ka bangwe ba ikagetse matlo ka lone.

Mothusa ratoropo wa Selebi Phikwe, Rre Molefhe Molathegi o supile fa e tlaa re kgwedi ya Moranang, matlhabelo a Selebi Phikwe a bo a bulwa gape ka go bonwe mogwebi mongwe yo o tlaa thusang go a tsamaisa.

O tlhalositse fa go nnile le mabaka a le mantsi a a dirileng gore matlhabelo a bo a feletse a tswalwa, a re ba dirile se ka dikgakololo go tswa kwa pusong ka matlhabelo a ne a sa tlhole a dira letseno mme a dirisa madi a mantsi go tsamaisiwa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : Selebi Phikwe

Event : Kgotla meeting

Date : 23 Jan 2023