Breaking News

Dithoto tsa BCL di gaufi le go phatlaladiwa

23 Jan 2023

Le fa e setse e le dingwaga di supa moepo wa BCL o ntse o tswetswe, banni ba Selebi Phikwe ga ba kgale go bua ka moepo oo, e bile bangwe ba santse ba nna mahala mo matlong a one.

Matlo a ke bontlha bongwe jwa dithoto tsa moepo tse di iseng di rekisiwe ke yo o tlhophilweng go di phatlalatsa, morago ga gore moepo o retelelwe ke go dira dipoelo ka lobaka lo loleele.

Mopalamente wa kgaolo ya Selebi Phikwe Bophirima, Rre Dithapelo Keorapetse a re kgang ya BCL e tsere lobaka lo loleele, bogolo jang go phatlaladiwa ga dithoto tsa moepo oo.

A re yo o thapilweng ke lekgotla la ditsheko go phatlalatsa dithoto tseo, o kgonne go rekisetsa khamphani ya Premium Nickel Resources Botswana meepo ya Selebi le Selebi North, mme go santse go setse dithoto tse dingwe tse di tlhokang go phatlaladiwa, nngwe ya tsone e le matlo a bonno a BCL.

O boleletse banni ba kgotlana ya Kagiso mo phuthegong ya kgotla bosheng gore phatlalatso ya dithoto tse dingwe e tlaa latela mo bogaufing, a tlhalosa fa go ne go buletswe gore baikopedi ba tsenye dikopo mme jaanong di setse di tswaletswe go sekasekwa.

Le fa tiro e yotlhe e dirwa ka fa tlase ga semolao, Rre Keorapetse a re tota keletso ya gagwe ke gore babereki ba pele ba BCL ba fiwe sebaka sa go ka reka matlo a.

A re mo gongwe ba ka letlelelwa gore ba a hirise mme ba a duela kgwedi le kgwedi, mme morago ga go duela madi otlhe ba kgone go nna beng ba one.

O kopile ba ba okametseng tiro e ya phatlalatso go e fefosa, a re e ama tiriso ya madi a mantsi a puso, a tlhalosa fa go setse go dirisitswe P1.8 billion fa e sale moepo o tswalwa.

A re keletso ya gagwe ke gore dibuka tsa moepo o di dupiwe go bona gore madi a puso a dirisitswe jang, a otlelela ka go re o ya go tsenya potso kwa palamenteng mabapi le kgang ya tiriso ya madi a puso mo tirong ya phatlalatso dithoto tsa BCL.

Mopalamente Keorapetse yo e bileng e le moeteledipele wa kganetso kwa  palamenteng, a re maphata a puso a tswa kgakala a lela ka letlhoko la boroko jwa badirelapuso, mme a ntsha mogopolo wa gore maphata a puso le khansele le one a fiwe sebaka sa go reka matlo a go oketsa boroko jwa badirelapuso.

A re bangwe badirelapuso ba nna mmogo mo ntlong e le nngwe ntswa bangwe ba nyetswe kana ba nyetse.

Fa a ama ntlha ya dikatso tse di kolotwang babereki ba pele, o tsweletse ka go itsese banni ba Selebi Phikwe gore tona wa meepo le kgotetso o tlhaloseditse palamente gore ga go na ope yo o kolotwang ntswa batho ba ne ba duetswe madi a kgwedi e le nngwe fela.

Kgang ya tlhaelo ya melemo e e apereng lefatshe lotlhe, le yone e ne ya nna nngwe ya dikgang tsa moruthutha.

A re tona wa Botsogo, Dr Edwin Dikoloti o tlhalositse fa seemo se se tlaa fetoga mo nakong e khutshwane mme a rotloetsa setshaba go fa ba botsogo nako go reka melemo e e tlhokegang.

Rre Keorapetse o ne a wetsa ka go tlhalosa ka seemo sa paka ya sekole, a re o tswa kgakala a kopa puso gore e emise theko ya paka ya sekole kwa ntle ga lefatshe leno, ka gore go na le baroki ba bantsi ba ba nang le bokgoni jwa go rokela mabentlele a a rekisang paka ya sekole.

A re Selebi Phikwe, bogolo jang, o na le madirelo a matona a a farologaneng a go rokwang kwa go one, mme a ka kgona go rekisetsa mabentlele ka go farologana paka ya sekole. 

O ne a kopa morafe go ema dikhamphani tsa Batswana nokeng ga mmogo le baroki ba babotlana.

Le fa go ntse jalo, banni ba Selebi Phikwe ba supile fa ba sa itumelela tshwetso e ka gore e bakile tlhaelo ya paka ya sekole, e bile ba lela ka ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa paka ya sekole ntswa boleng jwa yone bo le kwa tlase.

Banni ba tsweletse gape ka go kgala seemo sa tlhaelo ya melemo, ba re ga go sa tlhole go na le mosola go ya bongakeng. Ba kopile puso go baakanya seemo se. Bokhutlo

 

 

 

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : Selebi Phikwe

Event : Phuthego

Date : 23 Jan 2023