Breaking News

Lecheng o tlaa agelwa sekole se sengwe

23 Jan 2023

Mopalamente wa kgaolo ya Lerala/Maunatlala, Rre Sethabelo Modukanele o tlhaloseditse banni ba Lecheng fa puso e tsere tshwetso ya go ba agela sekole se sengwe se sebotlana.

Rre Modukanele yo o neng a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo ka Labotlhano, a re sekole se se tlaa agwang, se tlaa thusa go fokotsa mosuke kwa sekoleng se sebotlana sa Lecheng.

A re tshwetso e, e tserwe go sena go lemogwa fa sekole sa Lecheng e le sone se fetang dikole tsotlhe tsa kgaolo ya Lerala/Maunatlala ka dipalo, ka se na le baithuti ba le 761 mme se longwa serota ke sa Kukujwe kwa Lerala ka 700.

Mopalamente a re ga go makatse ka gore Lecheng o motona.

A re Lerala, Maunatlala, Lecheng le Lesenepole ke yone metse e e fetang e mengwe kwa kgaolong ya gagwe ka dipalo tsa batho.

Rre Modukanele o iteetse legofi dikomiti tsa ditlhabololo tsa Lecheng le Malaka go bo di ne tsa ema ka dinao tsa reka ditilo di le masome mabedi le botlhano nngwe le nngwe ya tsone gore di dirisiwe kwa sekoleng morago ga gore se ikuele fa se tlhaelelwa ke ditilo le ditafole.

A re se ke maiteko a matona e bile a rotloetsa gore mowa wa go itirela o gole mo go bone ka gore maduo a dikole a ka tokafadiwa ke tshwaragano ya barutabana le batsadi.

O akgotse dikole tsa kgaolo ya Lerala/Maunatlala go bo di dirile sentle mo ditlhatlhobong tsa lokwalo lwa bosupa, a supa fa go sena sekole sepe se se tsereng ka fa tlase ga 60 per cent a bo a phophotha sekole sa Lecheng legetla go bo se tokafaditse maduo a lokwalo lwa bosupa go tswa kwa go 57 per cent go ya kwa go 61 per cent mme a ba rotloetsa go dira go feta foo.

Mo go tse dingwe, Rre Modukanele o tlhalositse fa tshwetso ya puso ya go dira ditsela tse di mo motseng ka madi a dikgaolo a P10m go tlaa thusa go tokafatsa ditsela tse di fa gare ga motse wa Lecheng le tse di golaganyang motse le metse e e mabapi.

A re maikaelelo a khansele ke go fa dikhamphani tse di mo metseng go dira tiro e gammogo le go reka tse di tlaa tlhokegang kwa metseng eo, e le tsela nngwe ya go godisa itsholelo le letseno mo dikhamphaning tse di mo motseng.

O rotloeditse banana go dira dikhamphani gore ba tle ba kgone go fiwa tiro gore le bone ba obe letsogo mo ditlhabololong tsa motse.

A re go ka nna thona gore tiro e fiwe khamphani e e tswang go sele ka gore bana ba mo gae ga ba na botsipa kana khamphani ya go ka dira tiro e e solofetsweng.

Rre Modukanele a re ga a jesiwe diwelang ke peo ya ditsha kwa Lecheng, a tlhalosa fa go setse go fetile dingwaga tse dintsi go sa bewe.

A re o buisana kgapetsakgapetsa le ba lekgotla la kabo ditsha la Palapye go fefosa maoto a bone gore banni ba Lecheng le bone ba bewe ditsha jaaka Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a ne a baya seelo sa gore go bewe ditsha di le 100 000, Lecheng a le mo teng.

A re ga a kitla a aswa lentswe go bua ka kgang e, ka jalo o tlaa tswelela a buisana le ba kabo ditsha go fefosa mosepele.

Fa a akgela ka tiro e e sa felang ya holo ya Lecheng, mothusa modulasetilo wa khansele ya Palapye, Rre Daniel Ookame o ne a re madi a go feleletsa tiro e, a teng mme khansele e tlaa dira ka gotlhe go bona gore kago ya holo ya Lecheng e a wela.

Nngwe ya ditiro tse di tlaa tsibogelwang kwa motseng o ke paakanyo ya sekole se segolwane sa Mokgalo JSS mme ba thuto ba mo thulaganyong ya go tokafatsa sekole se gammogo le tse dingwe tsa kgaolo ya Palapye mo ngwageng wa madi wa 2023/24. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : Lecheng

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 23 Jan 2023