Breaking News

Selelo sa banni se arabilwe

22 Jan 2023

Selelo sa banni ba Palapye sa sepatela se arabilwe. 

Mopalamente wa Palapye, Rre Onneetse Ramogapi o boleletse banni ba masimo a Setatse ka Mosupologo fa sepatela se tlaa agiwa ka lenaneo la motshela kgabo la dingwaga tse pedi.

Rre Ramogapi o boletse gape fa ditsela dingwe tsa Palapye tsa sekontere di tlaa baakangwa, go tlaa agiwa sekole se se botlana, fa tsela ya Martin’s Drift yone e tlaa baakangwa.

Mopalamente o ne gape a ba lekodisa gore Kgaolwana ya Palapye e tlaa godisiwa go nna kgaolo ee tletseng, a re seo se tlaa dira gore dikgang di nne motlhofo le bofefo.

O ne rotloetsa banni go kwadisa mekgatlho, a re ee sa kwadisiwang seshwa e tlaa phimolwa.

Mo go tsa ithsireletso, Rre Ramogapi a re lephata le rekile sefofane sa tlhoo-tomo se sengwe, la ba la oketsa palo ya mapodise.

Mo go tsa ditsha, bogolo thata kgang e Batswana ba lelang ka yone ya go fetola ditsha tsa boswa, mopalamente o boletse fa e tlaa sekasekwa. 

Mo go tse dingwe, a re lenaneo la ISPAAD le a baakangwa, mme le tlaa bitswa Temo Letlotlo. 

A re mo lenaneong la temo ya nosetso, puso e thusa molemi ka sephatlo sa madi go reka didirisiwa.

Mothusa Ramapodisi a Palapye, Assistant Superintendent Goleta Ketlhamile a re ba tshwenngwa ke bogodu jwa leruo. 

Supt. Ketlhamile a re ba tshwara batho ba ba butseng dibuchara mo matlong. 

O kopile banni go loma mapodise tsebe go lwantsha borukutlhi. 

A re maikalelo ke go tsosolosa dikomiti tsa twantsho borukutlhi le ntebela ke go lebele. 

Fa ba tswa la bone balemi-barui ba ne ba lela ka bogodu jwa leruo, ditsela tsa masimo le letlhoko la metsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : PALAPYE

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 22 Jan 2023