Tshabang o lekola ditiro tsa ditlhabololo
22 Jan 2023
Mopalamente wa Nkange, Dr Never Tshabang o akgoletse mong wa konteraka yo o agang tsela ya Tutume-Goshwe gore tiro ya gagwe e tsamaya sentle.
Dr Tshabang o buile seo kwa Goshwe le Tutume ka Labobedi fa a ne a ile go lekola tsela e o le ditiro dingwe tse di dirwang ka lenaneo la Constituency Community Projects.
A re le fa go ntse jalo, go na le fa go sa ntseng go saletse morago mo tseleng eo.
Dr Tshabang a re o lemogile fa bangwe mo dipegong tsa bone ba supa fa mananeo a tsamaya sentle, mme fa ditiro di lekolwa go fitlhelwa matlhabisa ditlhong, tiro e sa wela.
A re puso e kile ya tsaya tshwetso ya go emisa ka nakwana lenaneo la madi a kgaolo e sena go lemoga fa a sa dirisiwe sentle e bile mangwe a busiwa a sa dirisiwa.
Mopalamente Tshabang o ikuetse mo dikomiting tsa metse, go dirisa madi ao mo ditirong tse di tlaa direlang dikomiti tseo letseno.
O ne a re bangwe ba tlhopha mananeo kana go aga matlo a a felelang a onala ka go tlhoka go dirisiwa.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Goshwe, Rre Basina Zwemizi o lebogetse a go dirwa ga tsela e e lomaganyang Tutume le Goshwe, a re gompieno e botoka ebile e a tsamaega.
Rre Zwemizi a re pele tsela eo e dirwa, e ne e le lekgarapana, e ba senyetsa dikoloi gape ba babalelwa ke go ya Tutume ntswa e le gone kwa ba tsayang ditlamelo ka bontsi teng.
A re ka madi a constituency community project ba kgonne go ntshafatsa ntlo ya kamore tse pedi, e bile e setse e bone mohirisi le go ntshafatsa sekole sa bananyana.
O boletse fa banni ba batla tharabololo ya kgang ya bogosi, a re fa e sa le kgosi a tlogela tiro ka 2017, ga go ise go bewe ope yo o mo tlhatlhamang.
Rre Zwemizi a re ba ne ba solofeditswe fa kgang eo e tla rarabololwa ngogola ka Sedimonthole, mme ka maswabi ga tswa taelo kwa kgotla tshekelo, e emisa tshwetso ya go tlhopha kgosi.
A re seo se a ba kokonela ka ga gona sepe se se tsamayang mo motseng o senang kgosi.
O kopile gore ba nne ba lekodisiwa ka dinako tsotlhe mabapi le kgang eo.
Kwa Tutume, dikomiti tsa ditlhabololo, di boletse fa mananeo a dirilweng a akaretsa kago ya matlo a bonno a dikamore tse pedi le maobo a dikgotla, a bontsi jwa one a sa gokelwang motlakese le metsi.
Modulasetilo wa komiti ya Magapatona, Rre Liketso Nkhwalume a re mananeo a ba neng ba a filwe jaaka kago ya ntlo ya dikamore tse pedi le ntlwana ya boiteketso kwa sekoleng se sebotlana sa Maphorisa, e weditswe ka nako e bile a dirisiwa.
Rre Nkhwalume a re ba emetse rakonteraka go simolola tiro ya kago ya leobo le ntlo ya ga mmaboipelego, tse madi a tsone ba a abetsweng bosheng.
Dr Tshabang o ne akgola komiti ya ditlhabololo ya Magapatona ka fa e tsweletseng ka teng, a gatelela ka go re ‘dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe’.
Mopalamente o mo loetong la kgaolo ya gagwe go lekola ditiro tse di dirwang mo kgaolong le go lekola dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : GOSHWE
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 22 Jan 2023