Breaking News

Kgafela o rotloetsa tirisano mmogo

22 Jan 2023

Banni ba Dikgonnye ba kopilwe go tshwaragana le boeteledipele jwa motse gore ditlhabololo di nne motlhofo go goroga kwa go bone.

Mopalamente wa Mochudi Bophirima, Rre Mmusi Kgafela o buile seo mo phuthegong ya kgotla kwa Dikgonnye bosheng.

A re e re jaaka e le Tona wa Papadi le Madirelo, banni ba tshwanetse go itse fa a sa emela kgaolo ya Kgatleng Bophrima fela, mme a emetse Botswana jotlhe, ka jalo a lebagane le namane e tona ya tiro.

Rre Kgafela a re jaaka Botswana a tlaa bo a amogetse Africa yotlhe ka kgwedi ya Tlhakole mo phuthegong ya African Continental Free Trade, tiro e nna ntsi mo go ene, ka jalo a rotloetsa banni go ikgolaganya thata le ba ba ka ba thusang go nna le seabe gore ba godise dikgwebo tsa bone.

Mopalamente Kgafela o rotloeditse Batswana go golagana le baemedi ba bone, go utlwa gore dikopo tsa bone tsa ditlhabololo mo motseng di eme jang.

“Fa o rometse kopo ga o ineele. Mokopi wa dithuso bagaetsho o nna letshwenyo, gangwe le gape o a botsa kgotsa o a gakolola fa ekete kopo tsa lona di tsaya lebaka”.

Mme Setlasila Kgakole, yo e leng mokhanselara wa kgaolo, o iteetse mafoko a mopalamente legofi, a re go botlhokwa gore e re fa go na le diphuthego tsa kgotla banni ba nne teng gore ba tle ba utlwe ka fa ditlhabololo di tlaa dirwang ka teng mo motseng wa bone.

Mme Kgakole a re fa botlhe ba ka tsaya boikarabelo jwa go tsenelela diphuthego tsa komiti ya tlhabololo magae, tsa kgotla le go sala morago dikopo tsa bone tsa ditlhabololo mo motseng wa bone, Dikgonnye o ka bona ditlhabololo.

Mo go tse dingwe, Kgosi Ishmael Rakgati wa Dikgonnye o kopile gore fa tsela ya Dikgonnye-Kgomodiatshaba e dirwa, go hirwe banana ba motse oo go ba tlhamela mebereko.

Kgosi Rakgati o boletse fa bontsi jwa banana ba motse oo, ba felela ba inaakanya le borukutlhi e le tsela nngwe ya go leka go itirela madi, ka jalo fa ba ka neelwa tshono ya go bereka borukutlhi bo ka wela tlase. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Pelonomi Gare

Location : DIKGONNYE

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 22 Jan 2023