Breaking News

Letlhakeng o tla agelwa sepatela

22 Jan 2023

 Mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng/Lephephe, Rre Liakat Kablay a re kgaolo ya Letlhakeng e tla agelwa sepatela se banni ba sa bolong go se emela.

Rre Kablay o buile se mo phuthegong ya kgotla kwa Letlhakeng ka Labobedi.

E rile a lekodisa banni  ka dikgang tsa palamente e fetileng, a supa fa palamente e ne ya tsaya tshwetso ya go tlosolosa lenaneo la ditlhabologo la lesome le bobedi (NDP12), mme ga dirwa lenaneo la ditlhabololo la ngwaga tse pedi le le tla lopang P64.4 billion.

A re seo se ne sa thusa thata dikgaolo tsa bone tsa bo tlhophi gore di bone sebaka sa go abelwa ditlhabololo bogolo jang ka dingwe di ne di se mo lenaneong.

Rre Kablay a re seo se ne sa thusa gore selelo sa bone sa sepatela se  arabiwe.

A re e re ka Setswana se re ‘moseka phofu wa gaabo ga a swe lentswe’ o ne a seka a ipona tsapa go ema ka dinao go bua ka sepatela seo.

Mopalamente Kablay re o tsile go nona pelo ka mathe ka jaana selelo sa gagwe le morafe wa Letlhakeng se arabilwe.

Rre Kablay a re jaaka ba ya palamenteng ya kabo madi ka Tlhakole, palamente e ya go abela maphata madi, mme sepatela sa bone se tla agiwa mo ngwageng wa madi wa 2023/2024.

A re kgaolo ya Letlhakeng le dikgaolo tse dingwe lefatshe ka bophara di aparetswe ke letlhoko la ditsela, mme kgaolo ya gagwe e le ko pele.

Mopalamente a re ka jalo go seegetswe fa thoko P9 billion go thusa go araba selelo sa ditsela mo lefatsheng la Botswana.

A re o kopile tona wa ditsela, Rre Eric Molale go etela kgaolo ya gagwe go tla go bona seemo sa ditsela,  ka seo se tla thusa go tsaya ditshwetso bogolo jang ka ditsela di tshwana le ya Malwelwe, Monwane, Ngware le Diphuduhudu.

Rre Kablay o ne a tlhalosetsa morafe gore letlhoko la madi le santse le aparetse lefatshe la Botswana bogolo jang morago ga segajaja sa mogare wa corona.

Le fa go ntse jalo, a re o itumelela gore maemelo a dipalamo a Letlhakeng a simolotswe go agiwa mme e le ka di thuso tsa madi a ofisi ya mopalamente.

A re seo se tla thusa thata seemo sa dipalamo tsa setshaba, se se ntseng se sa jese diwelanang mo motseng wa bone.

Mo go tse dingwe, Rre Kablay o ne a supa boitumelo ka jaana banni ba Letlhakeng ba ba amilweng ke go dirwa ga ditsela ba simolotse go duelwa.

A re khansele e filwe madi aa kanang ka P400 000, mme bangwe ba setse ba duetswe, selo se a se  iteetseng legofi kgang e  e tswa kgakala e ntse e ba tshwenya.

Morafe o ne wa leboga thata ka dikgang tse mopalamente a tlang ka tsone, mme ba itumelela gore ba tla bona sepatela se ba sa bolong go se emela.

E rile a fa pego, modulasetilo wa Komiti ya ditlhabolo tsa motse, Mme Kebafilwe Moselesele a bolela fa motse wa Letlhakeng o godile mme ba lebogela gore ba tlaa direlwa ditsela mo motseng.

A re o leboga thata gore maemelo a dipalamo a bo a dirwa go thusa setshaba.

Mme Moselesele o ne a supa fa ba lela ka letlhoko la dipilisi kwa kokelong, mme a tlhalosa fa ba itumelela sepatela se se tla agiwang mo motseng wa bone ka seo se tla thusa go atolosa ditirelo tsa botsogo.

E rile go le pele, Kgosi Itsoseng Gaoonwe a amogela morafe mo kgotleng ya gagwe, a lebogela banni bogolo jang banana, ka ba ne ba itshwere sentle ka malatsi a keresemose le ngwaga o mosha.

A re gone go le thitibalo le ledula le le itumedisang, mme a ba kopa gore ba tshware fela jalo le mo nakong e e tlang. 

Kgosi Gaoonwe o ne a leboga kompone ya SilverDec jaaka ba ne ba dirile metshameko, mme ya thusa go ntsha banana mo di tirong tse di maswe.

A re ka jaana kgaolo ya Letlhakeng jaanong e ikemetse ka nosi, o tshwenyega gore lephata la makgotla a Setswana le ka nna la  salela kwa morago ka ditirelo, mme a kopa mopalamente go mo thusa kgang eo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 22 Jan 2023