Komiti e abela banni dimpho
15 Dec 2022
Malatsi pele ga go ketekwa ga letsatsi la Keresemose banni bangwe ba Sehunou ba ne ba abelwa dimpho tsa dijo le diaparo ke komiti ya tsa botsogo ya BODIBA.
E ne ya re ka Laboraro, komiti e e tsereng leina la yone mo khutshwafatsong ya mafoko a Botsogo, Dingaka le Baruti, ba e leng maloko a e tlhamilweng ka one, ya otlolola letsogo go thusa malwapa a le matlhano a motse oo a go neng go supagetse fa a tlhoka thuso ya mothale oo.
Fa a tlhalosa ka kabo-dimpho eo leloko la komiti Mme Tshepo Kelesitse ebile e le modiredi wa sepatela sa Sekgoma kwa Serowe o ne a supa fa komiti ya BODIBA e maikaelelo le maikemisetso a yone e leng go rotloetsa le go aga kgolagano fa gare ga mhama wa tsa botsogo wa bongaka jwa segompieno, le wa bongaka jwa setso ga mmogo le wa sedumedi, o bone go le maleba go thusa ba ba dikobo dikhutshwane.
Mme Kelesitse a re e re le ntswa ba ne ba kopile komiti ya ditlhabololo tsa motse go sekaseka malwapa a a ka thusiwang a le matlhano, komiti ya BODIBA e tla tswelela e ikitaya ka thupana go bona gore e ka thusa jang le ba bangwe mo motseng ba ba ka tswang ba na le letlhoko.
A re komiti e lemoga botlhokwa jwa go aba ka jaana go tlisa tsholofelo mo go yo o abelwang ebile go tsosolosa go bo go rotloetsa mowa wa bopelotlhomogi mo setshabeng.
Fa a rola dimpho leloko le lengwe la komiti Dr Onkgopotse Oduetse yo le ene a direlang kwa sepateleng sa Sekgoma o ne a bolela fa mo godimo ga go kokoanya madi ka dikoleke go tswa mo malokong, ba ne gape ba ikaega ka go kopa dithuso kwa madirelong a a farologaneng.
O kaile fa ba bone dithuso go tswa kwa mabentleleng a Thuso Wholesalers ga mmogo le ba Coldroom Wholesalers, bobedi jo a tlhalositseng fa komiti e itumeletse kemo-nokeng ya jone fela thata. Mogakolodi wa mokgatlho Rre Gilbert Ramothwa ene o ne a gatelela botlhokwa jwa go tlotla bongaka jwa setso le go lemoga botlhokwa jwa jone mo matshelong a batho.
A re batho ba maloba ba ne ba ikaegile thata ka bongaka jwa setso go aga matshelo a bone ga mmogo le go tokafatsa botsogo.
E ne ya re go le pele a amogela baeng le morafe mo kgotleng ya gagwe Kgosi Madala Gabagopolwe wa motse wa Sehunou a kaya fa a itumelela maiteko a komiti ya BODIBA a go supa mowa wa bojammogo le wa lorato, selo se a boletseng fa se supa fa mokgatlho o kgathala ka matshelo a batho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bampoloki Kabasia
Location : SEHUNOU
Event : Kabo dimpho
Date : 15 Dec 2022