Seabe sa borre mo go bopeng setshaba se setona - Rakgare
21 Nov 2022
Go ipelela letsatsi la borre la mafatshe-fatshe go kailwe go le botlhokwa fela thata ka jaana borre ba na le seabe se segolo mo go bopeng morafe le setshaba.
E rile Tona wa Banana, Bong, Metshameko, le Ngwao Rre Tumiso Rakgare a rola molaetsa wa letsatsi la borre kwa Salajwe ka Labotlhano, a rotloetsa borre go nna le boleng mo setshabeng le go ipelela seabe sa bone mo ditlhabololong.
Tona Rakgare a re mangwe a maikaelelo a letsatsi la borre ke go itebaganya le seemo sa botsogo jwa bone le go itebaganya le kgethololo ya borre.
O ne a supa fa dipalo di supa fa rre a le mongwe mo go ba bararo e le ene a yang bookelong, mme seo se kaya bokoa jwa borre mo go itekodiseng ba botsogo fa ba sa tsoga.
A re go botlhokwa go tokafatsa botsala jwa borre le bomme le go tlotlomatsa tekatekanyo ya bong, ga mmogo le go tlhomamisa gore ba tshela mo tikologong e e babalesegileng.
Letsatsi leo, le ne le ipelelwa ka fa tlase ga setlhogo se se reng: A re Bueng ka Dintlenyane tsa Borre.
Rre Rakgare a re setlhogo se, se gwetlha gore go buiwe go sa kgalwe mathe ka dikgang tse di amang borre, go akaretse seabe sa bone mo malwapeng, mo di kgotleng, mo motseng le mo setshabeng ka kakaretso.
O ne a tlatsa ka gore, dintlenyane tsa borre go tewa borre ba ba nang le bokao, boikarabelo jwa motia, ba phutholotse maikutlo le go babalela ba ba bokoa, mme e bile ba eme ka dinao go lwantsha boitsholo jo bo makgaphila, mme ebile ba kaela basimane tsela ya tshiamo le go seketletsa maikutlo a bone.
Tona Rakgare o ne a rotloetsa borre go ema ka dinao go kgala le go emisa kgokgontsho, a ba kgothatsa go tsaya botsogo jwa bone ka tlhoafalo go ya bongakeng le gone go kopa tshidilo-maikutlo fa ba sa iketla mo moweng.
O ne a kopa morafe go emisa go nyenya borre le bana ba basimane fa maikutlo a bone a le kwa tlase, a kgothatsa gape go emisa go tsenya borre mo kgatelelong.
O ne a gakolola borre ka kakaretso go tlhomamisa fa ba sireletsa le go babalela bomme le bana ba basetsana.“Jaaka re ipaakanyetsa malatsi a boitapoloso, ke kgothatsa borre go emisa go kgemetha bomme, go ba thubetsa, go dirisa bana botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo ga mmogo le go emisa mehuta yotlhe ya borukuthi”.
Mogokaganyi wa lekgotla la Borre mo Botswana Rre Nonofo Leteane, a re letsatsi la borre la mafatshe-fatshe ke sebaka sa go lemoga bokao jwa borre mo setshabeng.
Are borre ba na le seabe se setona thata mo setshabeng mme ba tshwanetse ba itumelelwa le go lebogelwa tiro e ntle e ba e dirang mo setshabeng.
Rre Leteane are go botlhokwa thata gore borre ba gakololwe le go lemotshiwa botlhokwa jwa bone.
O tlhalosiste fa gole botlhokwa gore go fetolwe ka fa dilo di dirwang ka teng ka di nako di fetogile, a tlatsa batho ba tshwanetse go tshwaragana go ya pele.
Rre Leteane a re borre le bana ba basimane ba golela ka fa tlase ga kgatelelo le ditsholofelo dingwe tse di ba tshedisang bokete go tswa mo setshabeng. A re ka moo, go godisa bana ba basimane ka lorato le go ba lemotsha gore ba supe maikutlo a bone gole botlhokwa gore fa ba tlhoka thuso ba e fiwe.
O supile fa rre wa motia a dira dilo tse di tlhomameng, e bile di kgatlhisa mo setshabeng mme ka jalo go itshola sentle le go babalele bomme ke konokoko mo go supeng boikarabelo mo setshabeng.
A re dipatisiso di supa fa borre ba saletse kwa morago mo botsogong jwa bone mme seo se ba baya ka fa mosing.
O kgothaditse borre go emela botsogo jwa bone ka dinao le go kopa thuso ga maikutlo a kukegile.
Rre Leteane a re lekgotla la borre le itlamile go tla ka mananeo a a thusang borre go fetola maitsholo a bone le go ba ruta ka fa ba tshwanetseng go tshela ka teng mo setshabeng.E rile a amogela baeng, Kgosi
Moala Gaerupe o ne a supa fa a tshwenyegile ka borre ba ba betsang bomme mo motseng wa gagwe.O ne a kgala a sa kgwe mathe bosula joo, mme a kopa morafe go emela dikgang tseo ka dinao le go rurifatsa gore ba bega dikgang tsa mofuta oo.
Kgosi Gaerupe o ne a kgothatsa borre go rata bomme, go ba tlhokomela le go ba sireletsa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : SALAJWE
Event : letsatsi la borre la mafatshe-fatshe
Date : 21 Nov 2022