Breaking News

Letlhakeng o tla nna khansele e e ikemetseng

10 Nov 2022

Banni ba kgaolo-potlana ya Letlhakeng ba atlile tshwetso ya go dira khansele-potlana ya bone khansele e e ikemetseng.

Ba supile boitumelo joo mo phuthegong e buisiwa ke mothusa tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Mabuse Pule, ka Laboraro kwa Takatokwane le Letlhakeng.

Mothusa tona a re puso e tsere tshwetso ya go godisa dikhansele- potlana dingwe, go atametsa ditlamelo kwa bathong.

Rre Pule a re e rile ka 2021, tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse a dira kopo go godisa dikhansele-potlana di le masome mabedi le bobedi ka dithata tse a di fiwang ke molao wa tsamaiso dikgaolo, mme puso ya atla kopo ya gagwe.

A re le fa go ntse jalo, go godisa dikhansele-potlana go raya madi, a tlatsa ka go re se se botlhokwa segolo bogolo ke gore Batswana ba akole ditlamelo gaufi le bone.

A re khansele ya Letlhakeng e tlaa itseela ditshwetso le gone go dira mananeo a yone, ntle le go emela khansele ya Kweneng, jaaka go ne go ntse pele.

Rre Pule a re legato la ntlha le ya go lopa P23 million, go godisa dikhansele di le lesome le botlhano, mme tiro eo e tshwanetse go bo e wetse mo ngwageng ono wa madi.

A re dikhansele tse di setseng di tlaa tlhatlosiwa maemo mo ngwageng oo tlang wa madi.

Rre Autlwetse a re tiro yotlhe e tlaa lopa P63 million.

A re puso e tsweletse ka go tla ka methale ya go tlhofofatsa gore Batswana ba bone ditirelo, le gore ditirelo ka bontsi di tlaa kgona go bonwa motlhofo mo maranyaneng.

Mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng/Lephephe, Rre Liakat Kablay o ne a lebogela tshwetso ya go godisa khansele-potlana ya bone, a re ga ba bolo go e emele.

A re mopalamente wa pele, Rre Gordon Mokgwathi le makhanselara ba buile thata ka kgang eo, mme ba itumetse ka jaanong selelo sa bone se arabilwe.

Rre Kablay a re mananeo a kgaolo ya bone a ne a ntse a saletse kwa morago ka gore ba ne ba sa kgone go itseela ditshwetso. 

A re le ditiro tsa kgaolo-potlana di ne di sa dirwe sentle, a tlatsa ka go re tshwetso eo e tlaa thusa gore ditiro le ditlhabololo tsa kgaolo di dirwe ka nako.

Modulasetilo wa khansele-potlana ya Letlhakeng, Rre Meshack Tshenyego o ne a supa fa pelo e boetse mannong ka mmatla sa gagwe a se bone.

A re go godisiwa maemo ga kgaolo ya bone go raya gore jaanong ba tlaa dira ditiro tsa bone le ditlhabololo ba lebile letlhoko la kgaolo, go sena se se ba diang.

Rre Tshenyego a re o dumela gore metse e go ntseng go na le maremelelo a ditirelo mo go one mo kgaolong ya Letlhakeng jaaka Takatokwane, Motokwe le Kaudwane e tlaa emelwa ka dinao gore a bereke go thusa Batswana go bona ditirelo gaufi.

Kgosi ya Takatokwane, Rre Visco Tsiane a re ba lebanwe ke namane e tona ya letlhoko la bodiredi mo motseng mme a kopa mothusa tona go ba buelela le ba Botswana Housing Corporation go sekaseka go aga matlo a bodiredi.

Kgosi o ne a lebogela ba lekgotla la kabo-ditsha la Motokwe go baya morafe wa gagwe ditsha morago ga go sega di le 2004. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Bootser Mogapi

Location : Letlhakeng

Event : Phuthego

Date : 10 Nov 2022