Lekalana la kgwebo kwa BIUST le abela balwetse
09 Nov 2022
BIUST Centre For Business Management Entrepreneurship e abetse balwetse ba ba robaditswe kwa kokelong e kgolwane ya Palapye melora le dikojwana tsa bana.
Kabo dimpho e e ne e tswerwe mo Palapye ka Labobedi kwa Cresta Botsalo Hotel mo Palapye.
Mogolwane wa komiti ya BIUST Centre for Business Management Entrepreneurship, Prof. Patricia Makepe a re moono wa komiti ya bone ke go bona gore ba dira le marafe.
Prof. Makepe a re ga ba fe thuto e le nosi fela, atlhalosa gore maikaelelo a bone ke go tsenya letsogo mo go fetoleng matshelo a setshaba se ba se direlang.
Mme Makepe a re maitlamo a Centre for Business Management Entrepreneurship ke go ntsha maduo, ditshekatsheko tse di kwa godimo, tshwaragano le go fitlhelela setahaba ka ditirelo tsa boleng.
Fa a amogela dimpho, mogolwane wa kokelo ya Palapye, Dr Billy Semelamela o ne a lebogela dimpho a re di tsile ka nako e e siameng ka jaana ba na le letlhoko le le ntsi.
Rre Semelamela a re COVID-19 e ba tlogetse ka dikgwetlho tsa tlhaelo ya madi mo pusong le setshaba ka kakaretso.
A re go batla tshwaragano le makalana a a ikemetseng le dikhamphani gore ba thuse puso morwalo.
O supile fa ba itemogela mosuke ga mmogo le tlhaelo ya didirisiwa ka kakaretso mo kokelong ya Palapye, ka jalo a re ba tlhoka kemo nokeng ya mofuta o.
Mr Semelamela a re go sego letsogo le le abang go na le le le amogelang, ka jalo a leboga ba BIUST Centre For Business Management Entrepreneurship go bo ba tsweletse ka go otlolola letsogo ba thusa setshaba.
Mogolwane wa tsa Maranyane Rre Gaoraelwe Letsibogo o ne a supa fa kokelo ya Palapye e le nnye mme e lebanwe ke kgwetlho ya mosuke o o bakwang ke dipalo tse di kwa godimo tsa banni ba Palapye le metse e e mo kgaolong eo. BOPA
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : PALAPYE
Event : Kabo dimpho
Date : 09 Nov 2022