Lesea le fitlhetswe mo matlakaleng
02 Nov 2022
Mapodisi a Tshesebe a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone go fitlhetsweng lesea kwa lefelong la matlakala gone kwa motseng oo.
Mo potsolosong ka Mosupologo, motshwarelela mookamela mapodisi a kampa ya Tshesebe, Assistant Superintendent Motlhokomedi Ponyane, a re lesea leo le bonwe ke batlhokomedi ba lefelo leo mme ba begela mapodisi.Rre Ponyane a re lesea leo, la mosetsanyana le le ka tswang le ne le nale malatsi a le mabedi le sa tswa go belegwa, le ne le phuthetswe ka dipampiri tsa dikgang le bo le tsengwa mo kgetsaneng.
A re batho bao, ba boletse fa ba fitlhetse matlakala a phatlaletse mme ba leka go a kgobokanya, ka jalo ba bona sengwe se tlhaga mo kgetsaneng eo, mme mo kanokong ya bone ba lemoga fa e le lesea.
O tlhalosiste fa ba ne ba tsibogela kwa lefelong leo, mme ka nnete ba fitlhela ele lesea, a tlatsa fa setopo sa lesea leo se le kwa kokelong ya Masunga go tlhatlhobiwa ke ba bongaka fa ditlhotlhomiso tsa bone di tsweletse.
Rre Ponyane o ikuetse mo setshabeng go ba thusa go batla motho wa tiro eo, le gore yo o ka tswang a itse mongwe yo neng a itsholofetse mme jaanong go sa tlhola go itshupa sepe kgotsa a belaela mongwe a ba lome tsebe.
O tsweletse a gakolola batsadi go nna ba rotloetsa bana ba bone le ba masika go ikwadisetsa boimana kwa dikokelong le go ba tlhoma matlho ka dinako tsotlhe go itsa ditiragalo tsa motlhale oo.
Rre Ponyane o ne a gakolola bomme go seke ba letlelela kakanyo eo, ya go bolaya masea kgotsa go senya boimana, le ntswa ba phuaganngwa ke bakapelo ba bone ba le mo mmeleng.
A re boemong jwa moo, ba kope thuso, bogakolodi le tshidilo maikutlo kwa go ba ba lebaneng ba tshwana ba boipelego, baruti le ba bangwe fela jalo.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : TSHESEBE
Event : potsoloso
Date : 02 Nov 2022