Banni ba Tumasera Seleka ba lela ka melelwane
24 Oct 2022
Banni ba Tumasera le Seleka ba ngongoregela gore lekgotla la kabo ditsha le tsweletse ka go baya ditsha ntswa kgang ya molelwane o o kgaoganyang metse eo e ise e wele.
Ngongora e, e dule mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Sefhare/Ramokgonami, Dr Kesitegile Gobotswang ka Labone.
Ba re ka gore ba kabo ditsha ga ba kgone go rarabolola kgang ya bone, ba kopa gore mopalamente a ba biletse tona wa lefatshe le merero ya metsi.
Gape ba re ba ipotsa gore ba kabo ditsha ba baya ditsha ba dirisa lenaneo lefe.
Banni ba supile gape fa ditsha tsa bone di se na dinomoro.
A mangwe matshwenyego a ba a supileng ke tlhaelo ya metsi, bogodu jwa leruo, ntlo ya boapeelo kwa sekoleng se segolwane gammogo le tlhaelo ya melemo kwa kokelwaneng.
Ba ngongoregile ka go godisiwa ga sekole se segolwane sa Sesholo kwa Seleka ba re ba sale ba solofeditswe, nako kgolo ke eno.
Banni ba supile fa sekole se kile sa tsena mo lenaneong la ditlhabololo mme ga ba itse gore ga tloga ga diragala eng.
Mopalamente Gobotswang o tlhalositse fa lenaneo la phatlalatso ya metsi kwa kgaolong, le solofetswe go wela kgwedi e e tlang e le fa gare.
O kopile gore ba tlhokomele metsi, ba seka ba nosa leruo metsi a morafe mme ba bege tshenyo e e diragalang.
Dr Gobotswang a re go tlhoka ntlo ya boapeelo kwa Sesholo go a tshwenya e bile o ipotsa gore go tsile jang gore e bo e se yo.
A re ba koporase ya metsi ga ba dirisane sentle le boeteledipele jwa kgaolo gape ga ba tshware diphuthego tsa morafe.
Modulasetilo wa lekgotla le lebotlana la kabo ditsha la Sefhare, Rre Mothobi Matila o tlhalositse fa kgang ya dinomoro tsa ditsha tsa Tumasera e santse e le kwa Serowe.
Rre Matila a re banni ba Tumasera le Seleka ke bone ba ka rarabololang kgang ya molelwane.
A re ba baya ditsha fa go senang dikgoreletsi teng, ka gore le fa go na le dikgang tsa molelwane, morafe gape o lela ka tiego ya peo ditsha.
Rre Matila a re fa ba batla lefatshe gore ba beye ditsha, morafe ke one o supang kwa ba batlang motse o golela teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : TUMASERA/SELEKA
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 24 Oct 2022