Makgaba o sega tema ya ditlhabololo
24 Oct 2022
Go agwa ga leobo la kgotla kwa Makgaba kwa Boteti ke tshimolodiso e e maleba e bile e tlhomame ya loeto lwa motse oo lwa ditlhabololo.
Mothusa tona wa lephata la botsogo e bile a le mopalamente wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe o boletse kwa pulong semmuso ya leobo leo ka Matlhatso fa go agwa ga lone go tlotlomatsa bokao jwa kgotla mo merafeng.
A re go bo kgotla e le pinagare ya motse gape e le gone kwa go tlhotlhelwang teng dikgang tse di amang morafe, go maleba gore kago ya leobo la kgotla e bo e nnile yone tiro ya ntlha ya ditlhabololo go dirwa kwa Makgaba morago ga go tlhomamisiwa e le motse ka 2017.
Rre Lelatisitswe a re le mororo motse oo o ise o tlhomelwe kgosi morago ga go tlhokafala ga ga Kgosi Rebagago Kesekilwe ka Motsheganong, go wediwa ga kago ya loobo go supa kgatelopele ka e tlaa re motlhang kgosi a tlhongwang go bo go setse go na le fa a tlaa direlang teng, selo se a kaileng fa se tlaa mo kgontsha go direla morafe ntle le kgoreletsego.
O ne a gatelela maitlamo le keletso ya puso ya gore Makgaba a nne le kgosi, a bolela fa seo se tlaa fefogelwa gore kgosi a tle a tshwaragane le komiti ya ditlhabololo tsa motse go betla tsela ya ditlhabololo tsa motse oo.
A re go nna teng ga ga kgosi gape go ka fokoletsa banni mesepele ya gangwe le gape ya go latela ditirelo tsa ofisi ya ga kgosi kwa metseng e e mabapi e akaretsa Mokubilo.
Mothusa tona Lelatisitswe yo o supileng fa loobo loo lo agilwe ka lenaneo la puso la go abela dikgaolo tsa botlhophi madi go dira ditiro tsa dithabololo tse dipotlana, o tlhaloseditse banni fa tiro eo e lopile P600 000.
Dibui tse dingwe di akaretsa Kgosi Mooketsi Gala wa Mokubilo le mogolwane wa khansele-potlana ya Boteti, Rre Victor Tlhake ba supile fa loobo loo lo fetotse selebego sa Makgaba e bile lo tsisitse tsholofelo ya gore ditiro tse dingwe tsa ditlhabololo di tlaa latela.
Kgosi Gala o ne a iteela moroko boikuelo jo bo neng bo dirilwe ke Rre Lelatisitswe mo banning gore ba tlhokomele loobo lwa bone, a re go ka nna thona gore dikokomane di fitlhele lo le mo seemong se se sa kgatlheng.
Rre Tlhake o tlhalositse fa go tlhatlosiwa maemo go nna kgaolo e e tletseng go tloga kgwedi e e tlang ga Boteti go tlaa tlhotlheletsa lobelo lwa ditlhabololo, mme metse e e ntseng e saletse morago ka ditlhabololo jaaka wa Makgaba jaanong e tlaa nna le sebaka se se botoka sa go direlwa ditlhabololo.
A re bogogi jwa kgaolo-potlana bo itse ka dikeletso tsa banni ba Makgaba tsa go ka agelwa kokelwana le sekole se sebotlana, a bolela fa tse di tlaa akanyediwa ka tlhatlologano ya dingwaga.
Fa a garela tiro ya letsatsi, mokhanselara wa Mokubilo/Makgaba/Mmea Rre Kemoiponetse Kelatlhegile o ne a nesetsa pula go agwa ga loobo a re go tsisa tsholofelo ya gore botlhokatsebe bo tlaa fenngwa.
Rre Kelatlhegile o bile a gatelela botlhokwa jwa gore go nne le lepodisi gkwa Makgaba go leka go busetsa seemo mo taolong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : MAKGABA
Event : Pulo Semmuso
Date : 24 Oct 2022