Kgosi Tsietso o tlhokafetse
09 Oct 2022
Kgosi ya pele ya Sesung kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng, Kgosi Tumiso Tsietso o tlhokafetse.
Ngwana wa moswi, Kgosi Lekang Motoane, o boleletse mo potsolotsong, fa rraagwe a tlhokafetse morago ga go lwala ka lebaka le leleele.
Kgosi Motoane a re rre rraagwe o ne a tshwara ka bolwetse jwa sebete ka 2008, mme a tshela ka jone go fitlhela a tlogela tiro ka bogodi ka 2016.
A re erile ka 2021, moswi a lwala thata, mme a tloga a tokafala.
A re erile ngwaga ono o simologa, bolwetse jwa tsaya phekelo esele, mme a robadiwa kwa Prinesss Marina, morago a busediwa kwa lwapeng, go ya go okelwa teng.
Kgosi Motoane o tlhalositse fa rraagwe a tlhokafetse kgwedi ya Phalane e tlhola gararo, mme a tla a bolokwa e le lesome le borataro.
Kgosi Tsietso o tsholetswe kwa Tsetseng ka 1933, mme a bewa mo setilong sa bogosi ka 1985. BOPA
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 09 Oct 2022