Breaking News

Monna o thusa ka ditlhotlhomiso

06 Oct 2022

Mapodisi a Seronga a tshegeditse monna wa dingwaga tse di masome a mararo le boferabobedi wa Gudigwa go ba thusa ka ditlhotlhomiso mabapi le leso la monna yo o dingwaga tse di masome a mararo le bosupa.

Mogolwane wa mapodisi wa kgaolo ya Okavango, Senior Superintendent Victor Nlebesi o tlhalositse mo potsolotsong fa tiragalo eo e diragetse ka Mosupologo, Phalane a tlhola ga raro kwa Gudigwa.

A re moswi o ne a tsamaya mo tseleng a tshologa madi mme a wela gaufi le lelwapa lengwe, mme beng ba begela mapodisi

Rre Nlebesi a re mapodisi a ne a ragosetsa rre yo o kwa kokelwaneng ya Seronga kwa go fetileng ga rurifadiwa fa a tlhokafetse.

A re ditlhotlhomiso di tsweletse.

Rre Nlebesi a re mapodisi a tshwenngwa ke batho ba ba tsamayang ba tshwere dilo tse di bogale, a re seo se baya matshelo a batho ba bangwe mo diphatseng.

O akgoletse banni ba Okavango go bo ba ketekile malatsi a boipuso ka kagiso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : GUMARE

Event : Potsolotso

Date : 06 Oct 2022