Breaking News

Ba kopiwa go tsosolosa masimo

02 Oct 2022

Balemi ba masimo a Segakwana, kwa Serowe Borwa ba kopilwe  go tsosolosa masimo a bone a a fetogileng matlotla.

Ka jalo ba rotloeditswe go lema ka se se ka busetsa masimo a mo seemong se se eletsegang. Mopalamente wa Serowe Borwa Rre Leepetswe Lesedi o buile se kwa moletlong wa go ipelela boipuso jwa ngwaga wa bo masome a matlhano le borataro jwa lefatshe leno. Moletlo oo wa boipuso o ne o diretswe balemi, ka maikaelelo a go arogana megopolo go tlhabolola temo.

A re masimo ka bontsi bogolo jang a Segakwana e ne e le masimo seka motse e bile e le masimo a a neng a itsiwe ka temo e e kwa godimo, a re go a tshwenya ka jaanonong masimo ao, a fetogile matlotla e bile temo ya one e ile kwa tlase.

A re keletso ke gore go boelwe kwa masimo, go rengwe ditlhare, go lengwe go bo go dirwa bonno fela jaaka go ne go dirwa gore batho ba kgone go tlhokomela ditshimo.

 Rre Lesedi a re ntswa go na le makgwere mangwe jaaka letlhoko la ditsela tse di sa tsamaegang, ba ka dirisa lenaneo la Ipelegeng go di bula.

Rre Lesedi a re fa balemi ba ka tsaya thuso ya Ipelegeng lolea go tlaa felela go sa kgonagale go baakanya ditsela tseo, ka go tlaabo go bonwa gore ga gona batho kwa masimo mme potso e nne gore ditsela di baakanyetswa bo mang ka go sena batho kwa masimo.

Rre Lesedi a re ka nako ya fa lefatshe leno le tsaya Boipuso, temo thuo e ne e le nngwe ya dilo tse di neng di goga itsholelo ya lefatshe leno kwa tlhogong.

A re ba ba tshedileng ka nako eo ba ne ba lema thata e bile ba na le leruo le lentsi fela thata mme mo nakong eno go a pala gore go boelwe kwa morago. A re Batswana bogolo jang balemi barui ba tshwanetse ba itshekatsheke ba bone gore ba fapogile fa kae.

O supile fa botshelo jwa bogologolo bo ne bo le thata go gaisa jaaka go tshelwa gompieno mme balemi ba ne ba kgona go ntsha temo e e nametsang.

Rre Lesedi o ne a supa fa moletlo oo e ne e se fela go keteka Boipuso mme e ene e le go rotloetsa balemi go itshekatsheka mme ba boele kwa temong go ijesa. Mookamedi wa khamphani ya TSA Investment  e e itebagantseng le go thusa balemi barui ka tse di itebagantseng le temo , Rre Galeitsiwe Ramokapane o ne a kopa balemi go itlwaetsa go kanoka seemo sa mmu mo masimong a bone.

A re se se supang gore masimo ao a tlhokana le go dirwa ditlhatlhobo tsa mmu ke go tlhoga ga ditlhare mme moo go dirilwe ke go a tlogela dingwagangwaga a sa lemiwe.   

Rre Ramokapane gape a supa fa mo dingwageng tse di fetileng balemi ba ne ba nna kwa masimo ba aga matlo a ba neng ba itse fa ba nna mo go one mme mo nakong eno bontsi jwa balemi barui ba dirisa madi a mantsintsi ba epa ditlhare, ba agelela masimo, ba phunya didiba ba bo ba ya go nna kwa magaeng ba lebetse go dira bonno.

Mogolwane yo, o ne a kopa balemi go tswa mo mogopolong wa go senya madi ba tlhabolola masimo ba bo ba nna kwa magaeng ka ba ka seka ba kgona go tlhokomela temo ya bone sentle.

A re gore temo e ntshe maduo ke gore e tsewe ka tlhwaafalo, a re bangwe ga ba e tseye ka tlhwaafalo mme ba na le tsholofelo ya gore e ba ntshetse maduo.

 O ne a fa sekai ka boraditerekere ba ba lemelang batho, a re go le gantsi ba batla madi mangwe pele fa ba lema gore ba tshele leokwane ntswa ba tshwanetse go lemela motho pele fa ba duelwa. 

Rre Ramokapane o ne a kopa balemi go sekaseka dilo tse di ba kobang kwa masimo le tse di dirang gore banana ba seka ba kgatlhegela go ya kwa masimo kana ba nna le kgatlhego ya go ya masimo mme ba leke go di fetola. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : SEGAKWANA LANDS

Event : Moletlong wa go ipelela boipuso

Date : 02 Oct 2022