Shamukuni o akgolela Basubia popagano
28 Sep 2022
Morafe wa Basubia o akgoletswe go ipelefatsa ka ngwao.
Kakgolo eo e dirilwe ke mopalamente wa Chobe, Rre Machana Shamukuni, yo e neng e le sebui sa tlotla kwa moletlong wa Cisiya Nkulu bosheng.
Rre Shamukuni a re maikaelelo a Basubia a go batlisisa, go somarela le go ipelela ngwao a tsamaelana le maitlamo a puso, a go dira bojotlhe go tlhabolola boleng jwa Batswana go nna tshaba e e ipelafatsang ka boyone.
A re Botswana o phophoma ka merafe e e farologanyeng, mme puso e rotloetsa mowa wa go amogelana ka dipharolaganyo tseo gore Batswana ba tswelele ba kgona go tshedisana sentle.
Mopalamente a re moletlo oo, o o neng o tshwerwe ka setlhogo se se reng, Basubia le Boeteledipele Jo Bosha; Loeto lo Tswelela Pele, o tlhomamisa tsholofelo mo ketelelong pele ya ga Kgosi Lwanrence Sinvula III, yo o tlhomilweng mo setilong ngogola.
O bile a akgola rraagwe Kgosi Sinvula III, ebong Kgosi Maiva Sinvula II, go bo a bone go tshwanela go neela morwawe bogosi a santse a le mo botshelong.
A re seo se tlaa thusa Kgosi Sinvula III go itshetlela mo tirong ka a tlaa bo a ntse a na le bokaedi.
Rre Shamukuni a re mowa wa go neelana setilo sa bogosi yo mongwe a santse a tshela, o tlhokega thata mo malatsing ano, ka jaana bogosi bo tsosa tomologano mo mafelong mangwe fa kgosi e setse e tlhokafetse.
O kopile Basubia go tshwaragana le kgosi go tlhomamisa gore ngwao ya bone e a phuthwa, e a batlisisewa e bo e kwalwa gore e somarelesege.
Mopalamente o bile a akgola Lephata la Banana, Metshameko le Ngwao, go bo le setse le gatetse pele ka go supa le go tshwaya mangwe mafelo a a bonalang a na le bokao mo ditsong le go a sireletsa.
A re go tshwaya mafelo ao go thusitse Basubia gore go nne motlhofo go bona fa dikgosi tsa bone tsa pele di neng tsa bolokwa teng kwa Tsienyane kwa Boteti.
A re morafe wa Basubia o na le di-tsa tlholego tse di amanngwang fela le bone, mainane a a buang ka bone le puo e ba tlamegang go e sireletsa.
A re go maswabi gore ditlhabololo le thutego di tswelele ka go timola boleng jwa puo ya Sisubia, segolo jang mo baneng.
A re Basubia ka bonosi ke bone fela ba ka sireletsang puo ya bone ka go e bua e sa ba tlhabise ditlhong.
Rre Shamukuni a re go na le maiteko a mantsi a mabutswapele ba a dirileng go leka go kwala ditso, thanodi ya Sisubia, go kwala ditso tsa bogosi le go kwala mekgwa ya go tshela ya Basubia, mme go tshwanetse ga engwa ka dinao go bona gore tiro eo e a wela.
Rre Shamukuni a re moletlo wa Cisiya Nkulu o tshwanetse wa lomaganngwa le bojanala, go dira gore mo isagong, bajanala ba o tsenelele go tsisa madi a a ka tlhabololang bagwebi ba mo gae.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Sinvula III o ne leboga Basubia ba Boteti go bo ba sa ipona tsapa go tla Cisiya Nkulu.
O kopile Basubia mo Afrika ka bophara go tshwaragana, ba itsane ba bo ba sireletse ngwao ya bone.
O tlhalosa fa maikaelelo a moletlo wa Cisiya Nkulu e le gore go kopanwe go ithutwe ngwao, e bo e tsosolosiwe.
A re le fa ba kopana le dikgwetlho tsa go baakanyetsa moletlo oo ba seka ba ineela.
Kgosi Sinvula III a re fa a tlhongwa mo setilong, o ne a ikaelela gore o tshwaraganya Basubia botlhe mo Afrika, e bile o eletsa go bona ba dira mmogo go kwala ngwao ya bone le go tsosolosa serodumo sa yone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keamogetse Letsholo
Location : KASANE
Event : Kakgolo
Date : 28 Sep 2022