Breaking News

A dikgomo di seka tsa bolawa

19 Sep 2022

Banni ba Jackalas No 2 le Tsamaya ba metse e e amilweng ke bolwetse jwa Tlhako le Molomo ga ba dumalane le tshwetso ya gore dikgomo tsa bone di bolawe, ba re bogolo di kentiwe go tswelela ba di rua.

Banni ba kgaolo ya botlhophi ya Tati Botlhaba ba bete semolangwana ka ditshwetso dingwe tse di tserweng ke puso, morago ga dipego tse di tlhomamisitsweng tsa bolwetse jwa Tlhako le Molomo kwa metseng mengwe ya kgaolo ya Bokone Botlhaba, e e mo Zone 6b.

Morago ga dipego tseo, khuduthamaga ya palamente e ne ya kopana mme ga tsewa ditshwetso dingwe tsa go leka go nyeletsa bolwetse joo mo kgaolong eo, le go tswa ka megopolo e ka fa setshaba se tlaa thusiwang ka teng.

Mo diphuthegong tsa kgotla ka Labotlhano mothusa tona wa lephata la Temo-Thuo, Rre Molebatsi Molebatsi o tlhaloseditse banni gore dikgomo tsotlhe tse di mo tikologong ya bone di tlaa bolawa, go leka go lwantsha kanamo le go nyeletsa bolwetse joo, mo tikologong ya bone, selo se banni ba neng ba nna kgatlhano le sone.

Banni ba tlhalositse fa morago ga tlhagogo ya bolwetse jo ka ngwaga wa 2011, ba ne ba tshepisiwa gore fa go ka diragala gore bo tlhagoge gape, dikgomo tsa bone ga di kake tsa tlhola di bolawa,  mme ba makadiwa ke go utlwa fa puso e tsere tshwetso ya di nyeletsa gape.

 Bangwe ba re ba lemogile fa bolwetse joo, bo ipoeletsa mo kgaolong ya bone mo dingwageng dingwe le dingwe tse di lesome, ba supa fa e le lekgetlho la boraro ba bolaelwa dikgomo ka ntlha ya seru seo sa jwa tlhako le Molomo.

Ba re seemo seo se tlaa ba humanegisa le go ba bakela malwetse a a bakwang ke go utlwa botlhoko mo go feteletseng, ba bolela fa le yone thulaganyo ya go ba busetsa dikgomo e na le go diega go dirwa.

Mo godimo ga moo, banni ba supile fa dikgomo dingwe tse ba di fiwang, e tla e le mengala e e padileng, e e felelang e ba tswa ka phatlha tsa menwana ka go tlhoka go laolesega.

Ba tsweletse ba tlhalosa fa nakong e e fetileng, dingwe tsa dikgomo tseo di ne tsaa swa, ka go bo di ne di sa tlwaela tikologo le phulo ya koo, ba supa e le seemo se se ba busetsang kwa morago mo thuong le mo mananeong mangwe a matshelo a bone.  Bangwe ba ne ba tlhobosa thuo mo kgaolong eo, ba re go ka nna botoka fa ba ka batlelwa mafelo a ba ka ruelang teng kwantle ga kgaolo ya bone, ba tlatsa ka gore le sone seemo seo se lopa puso madimadi.

Fa ba itebaganya le phimolo dikeledi e ba e fiwang, banni ba Jackalas No 2 le Tsamaya boletse fa tlhwatlhwa e e beilweng ke puso ya P2 480 tlhogo ya kgomo e le kwa tlase fela thata.

Ba kopile puso go sekaseka go oketsa madi ao, ba kaya fa go sena kgomo ya tlhwatlhwa e e kalo.

 Go kgaoga le go wa ga diterata tse di kgaoganyang melelwane ya di zone tsa matlhoko a leruo, bogolo jang ntlheng ya molelwane wa lefatshe leno le la Zimbabwe, ke sengwe se banni ba supileng se ba bakela bolwetse jo.

Rre Sevy Toitoi wa Jackalas No 2 o ne a tswa ka mogopolo wa gore bogolo phimolo dikeledi eo, e nne P3 500 go ya kwa go P4 000.

Mothusa tona o ne ba tshepisa fa a tlaa fetisetsa dingongorego le megopolo mengwe ya bone kwa go lebanyeng, mme a ba tsibosa ka ditlamorago tse di ka nnang teng fa dikgomo tsa bone di tshela ka mokento. A re dikgomo tse di tshelang ka mokento ga di na tlhwatlhwa, ka jaana ba ka seke ba di bonela mebaraka gope, ke ka moo puso e lemogileng fa tshwetso ya go di bolaya e le yone e ka ba bolokang. Rre molebatsi o ne a kopa banni ba metse eo go itse fa go welwa ke seru seo, ise phelelo ya botshelo, a re puso fela jaaka bone ga e itumedisiwe ke go bona dikgomo di bolawa, mme e dira seo fela go leka go thusa bone. O tsweletse a re keletso le maikemisetso a puso ke go bona banni ba kgaolo eo ba boela kwa seemong sa bone sa gale sa thuo.

Rre Molebatsi a re keletso ke gore ba ruele go nwa moro leruo la bone, gore le ba tshetse le go tlhabolola matshelo a bone, go na le go ruela mo ganong.

Mokhanselara wa kgaolwana ya Siviya, Rre Bakani Badziili o ne a supa fa khansele ya Bokone Botlhaba, morago ga go lemoga seemo se se thata seo, e sa tswa go tsaya tshwetso ya go tlhopha bodiredi jo bongwe jwa Boipelego, go leka go sidila batho ba tikologo eo maikutlo.

Mokhanselara Badziili o ne a gwetlha balemi bao go tswelela ba tlhokometse leruo la bone go fitlhelela le tla go tsewa mo go bone. Bokhutlo .Kwa phuthegong e nngwe kwa Ramokgwebana le Senyawe, e le mengwe ya metse ee mo Zone 6b, Mothusa Tona wa lephata la Temo-Thuo, Rre Molebatsi Molebatsi  o ne a a tlhalosetsa banni gore leruo lotlhe e le thako e maphata mabedi le tla a bolawa.

A re tshekatsheko ya go tlhodumela seemo sa bolwetse e tla tswelela le kwa mafelong a mangwe a di dikhilometara di lesome gotswa mo zone 6b. O tsweletse a tlhalosa fa go kentiwa ga dikgomo ga tshoganetso kwa tikologong eo go tsweletse, e le go leka go bolaya bogale jwa mogare wa bolwetse joo. A re e tlaa re morago di sekasekiwe mme di bo di isiwa kwa matlhabelong go ya go fufudiwa teng.

 Rre Molebatsi a re ga se tsotlhe dikgomo tse di tla isiwang kwa matlhabelong, a supa fa dinamane le mekoduwa tsone di tla bolawa mme di bo di katelwa.

O tlhalositse fa dithulaganyo tseo tsotlhe e tla bo e le boikarabelo jwa puso mme e bile e dira jalo e setse morago tsotlhe tse di tlhokafalang, le gone go rekegela maikutlo a barui. A re ka jaana kgomo e le mokokotlo wa Batswana, go tla dirwa dithulaganyo tsotlhe tsa go busetsa barui ba kgaolo eo dikgomo, gore kgabagare ba boele kwa seemong sa bone sa gale sa thuo mo nakong e khutshwane.

Fa a itebaganya le tse di tla dirwang go ya pele le ka phimolo dikeledi, Rre molebatsi a re morui yo o nang le dikgomo tse di lesome go ya kwa tlase, o ya go busetswa di ntse jalo fa ba ba nang le tse di fetang foo, bone ba tla busetswa tse di lesome mme mo palong e nngwe ba fiwe 30 per cent e le dikgomo fa 70 percent e le madi, a bolela fa tlhogo ya kgomo e tla nna P2, 480.00.

A re setshaba se tshwanetse sa tlhaloganya fa madi ao ese dituelo mme e le phimolo dikeledi, a tlatsa ka go kgalema kgatlhanong le go tlodisetsa leruo kwa mafelong a sele.  A re ope yo o ka tlelwang ke kakanyo ya go siisa leruo la gagwe mme la tshwarwa, le tla bolawa a bo a sa bone phimolo dikeledi epe.

Mothusa tona Molebatsi, o gwetlhile banni ba metse eo, go tswelela ka tirisanyo mmogo ya bone e ba e supileng gotswa kwa tshimologong go begwa bolwetse jo. A re tirisanyo mmogo ya bone e ka thusa mo go fitlheleleng maikemisetso a ntwa kgatlhanong le Thako le Molomo. A re ba seka ba letelela go itewa tsebe ke dikgang tse di senang buamaruri. Rre Molebatsi o ne a leboga morui mongwe wa Butale yo e rileng a belaela lomepe mo leruong la gagwe, a tsaya boikarabelo jwa go begela ba ba maleba.

Banni ba Senyawe le Ramokgwebana ba ne ba supa ba le bete semolangwa ka tshwetso ya go bolawa ga dikgomo.

Ba supile fa ba ne ba solofetse gore di tla kentiwa, ba tlata ka gore seemo seo sa go bolawa ga dikgomo se tla ba bakela lehuma la nta ya tlhogo.

Ba tlhalositse fa le one madi a phimolo dikeledi a le kwa tlase thata, ba re puso e sekaseke go a oketsa. Bangwe ba ne ba tswa ka mogopolo wa gore ba batlelwe kwa ba ka ruelang teng, go na le gore ba tswelele ba ruela mo tikolong eo lentswa seru seo se nna se ipoeletsa seboaboane mo kgaolong ya bone.

Bangwe ba tsweletse ba tlhobosa thuo mo kgaolong ya bone, ba re bogolo go batliwe mhama o sele o ba ka thusiwang go inaakanya le one. Banni ba metse eo, ba ne ba bona go se gontle gape ka ngwaga wa 2011, fa dikgomo tsa bone di ne tsa bolawa bolwetse joo bo sena go tlhagoga mo tikologong ya bone. BOKHUTLHO

 

Source : BOPA

Author : Masego Tanegwa

Location : TSAMAYA -

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 19 Sep 2022