Breaking News

Mme o tsene ka ga re itse

01 Sep 2022

Motshwarelela mookamela mapodisi a Kanye, Assistant Superintendent Mogogi Mathaba a re ba santse ba le mo patlong ya ga Mme Baitshepi Phirinyane wa kgotla ya Mmangwato kwa Kanye, yo o nyeletseng Phatwe e tlhola malatsi a le lesome le bone.

O tlhalositse gore dipego di supa fa Mme Phirinyane, wa dingwaga tse di masome a supang le bongwe, a ne a ya kerekeng kwa Dilolwe le moagisanyi wa gagwe ka lone letsatsi leo, kwa a bonweng labofelo teng.

Rre Mathaba o boletse gore morago ga go begelwa ka tiragalo e jone bosigo joo, letsholo la go batla Mme Phirinyane le ne la bolola letsatsi le le latelang, mme le ka nako e pego e e begwa, maiteko a bone a iteile se fololetse.

“Re amogetse pego eo bosigo jwa lone letsatsi le a nyeetseng ka lone, mme letsatsi le le latelang ra bolotsa letsholo la go mmatla, le akaretsa tiriso ya sefofane sa tlhoo-tomo le dintsa tse di thusang mo diemong tsa mofuta o, mme le jaana re tsweletse re mo patlong ya mme yo,”ga tlhalosa Rre Mathaba.

O kaile fa ba losika lwa ga Mme Phirinyane ba sa supa sepe sa gore o ka tswa a na le bolwetse jwa tlhaloganyo.

Rre Mathatba o akgotse komiti ya baithaopi ya twantsho borukutlhi le setshaba ka kakaretso go bo ba tsweletse ka go bereka ka natla go thusa mapodisi go batla Mme Phirinyane.

A re ba tshwentswe ke dikgang tse di golelang pele tsa batho ba ba nyelelang mo kgaolong ya bone, bogolo jang bana ba dingwaga tse di kwa tlase.

“Dikgang tsa mofuta o di a tshwenya, bogolo jang tsa bana ba ba tsenang sekole.

Gantsi ba felela ba bonwa morago ga malatsi a le mabedi kana a le mararo, mme go supa ba tswa boitaolong,” Rre Mathaba a tlhalosa.

O kopile batsadi le setshaba go tshwaraganela dikgang tsa mofuta o go babalela botsogo le bokamoso jwa bana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : KANYE

Event : Twantsho borukhutlhi

Date : 01 Sep 2022