Breaking News

Balemi ba Khudumelapye ba lebogela thobo

29 Aug 2022

Ene ya re ka Matlhatso balemi ba Khudumelapye mo kgaolong ya Letlhakeng ba isa ditebogo kwa kgosing ya motse oo ka se Modimo a se ba diretseng mabapi le thobo ya monongwaga e ba supileng fa e nametsa.

Fa a supa maikaelelo a tiro eo, Mme Gobotswang Mosesane yo e leng mongwe wa balemi o ne a tlhalosa fa moletlo o wa ditebogo o simolotse ka 2009, mme maikaelelo e le go leboga Modimo ka dijo tse ba di ntshang mo masimo.

O suile fa balemi ba Khudumelapye ba ne ba tsenelela ditshupo tse di tshwarwang kwa Letlhakeng ngwaga le ngwaga mme ba dira go swela kwa ditshupong tseo, ka jalo seo sa dira gore ba tswe ka mogopolo wa go nna ba ISa ditebogo kwa kgosing morago ga ditshupo.

O ne a rotloetsa bana ba motse go sala ba tsweledisa tiro ya bone fa ba setse ba sa kgone.

Mme Mosesane o bile a kopa balemi ka ene gore ba seka ba lema masimo ba bo ba boela kwa gae ba ya go bereka Ipelegeng.

Mo mafokomg a gagwe a kamogelo, Kgosi Tuelo Ramokobetwane wa Khudumelapye o ne a supa fa sengwe le sengwe se ba se dirang ba se lopa mo Modimong, ka jalo go tshwanela gore ba mo leboge fa ba sena go bona se ba se lopileng.

Molemisi wa Khudumelapye, Rre Kabelo Mompati o ne a supa fa balemi e le batho ba ba botlhokwa mo botshelong le mo botsogong jwa setshaba.

O supile fa temo e le tiro ya ntlha e Modimo a e fileng motho, a bo a kopa balemi go tsaya temo ka tlhoafalo.

Molemisi o ne a supa fa go le botlhokwa gore molemi a tlhatlhobe mmu pele ga a lema go bona gore o siametse dijalo dife, a bo a tlhalosa fa dipeo le tsone di farologana mme go le botlhokwa gore molemi a itse gore tse di siametseng go lengwa ke dife.

Rre Mompati o ne a kopa balemi go tlhagolela dijalo gore mhero o seka wa lwela dikotla le tsone.

O ne a ba kopa gape gore ba seka ba roba dijalo di le metsi le gone go baya mabeelo a dipeo kgakajana le bone gore fa ba di tshela melemo e e bolayang diji e seka ya ba ama.

Sebui sa tlotla kwa moletlong oo, Rre Samuel Mmelesi go tswa kwa Bankeng ya First National Bank Botswana (FNBB), o ne a supa fa go leboga go le botlhokwa mo botshelong.

O ne a gatelela ntlha ya gore balemi ba seka ba boela magaeng fa ba lemile mme ba tlhokomele masimo, a supa fa moletlo wa ditebogo o rotloetsa kgaisano e e siameng go nonotsha thobo.

Mogolwane wa First National Bank Botswana o ne a tlhalosa fa morafe o o tsweletseng o bonwa ka batho ba teng go phatsima, a supa fa batho ba Khudumelapye ba phatsima go supa fa ba ijesa ka temo.

Rre Mmelesi o ne a kopa balemi gore fa ba rekisa thobo, ba ipolokele madi kwa bankeng, a bo a supa fa a solofela fa ba tlaa tsamaya ba godisa ngwao ya bone ya go ijesa ka temo, gore ba seka ba ikaega ka go reka dijo kwa mafatsheng a sele.

E rile a afa bopaki, molemi, Rre Motlapele Kukama o ne tlhalosa fa a simolotse go lema ka dikgomo ditema di le nne, a ageletse tshimo ya gagwe ka matlhaku mme mo tsamaong ya nako a agelela ka terata a bo a oketsa ditema.

 Rre Kukama o ne a tlhalosa fa a ne a lema ka diterekere tsa batho mme kwa bofelong a ithekela ya gagwe a bo a phunya sediba.

O tlhalositse fa a kgonne tse tsotlhe ka temo-thuo.

O ne rotloetsa balemi go nna pelotelele le lorato mo temong gore ba bone maduo a a tlhatswang ngati. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Ditebogo

Date : 29 Aug 2022