Temo ya merogo e tshetsha Mme Mogojwa
03 Aug 2022
Sengwe le sengwe se motho ope a se dirang a tsentse moko mo nameng, se ntsha maduo a a nametsang.
Ka go lapisiwa ke go nna ka diatla Mme Mmantshesane Mogojwa a lemoga fa a tshwanetse go ikemela ka dinao, ka jalo temo ya merogo ya tla mo mogopolong wa gagwe.
Mo potsolosong le BOPA ka tshingwana ya gagwe ya merogo e e dirang sentle fela thata, mogwebi yo wa motse wa Salajwe a re ntswa a ne a akanya go lema o ne a akantse go lemela seshabo e seng kgwebo.
Mme Mogojwa a re go lemoga fa baagisanyi ba kgatlhegela temo ya gagwe a bona gore seo, e ka nna kgwebo go itirela letseno.
A re ka ngwaga wa 2013 ba Nyeletso Lehuma ba ne ba mo thusa ka go apesa tshingwana ya gagwe lesang, sebolokelo sa metsi sa Jojo, kirabane mo go tse dingwe.
Mme Mogojwa a re dithuso tseo di ne tsa mo tswela mosola fela thata ka di ne tsa tokafatsa temo ya gagwe mme e bile dijwalo tsa gagwe tsa bona tshireletsego.
A re o ne a sokola ka go nosetsa dijwalo tsa gagwe mme tanka ya metsi ya nna mosola fela thata ka e bile a ne a kgona go beeletsa metsi a pula.
O ne a supa fa a ne a simolola go lema a tsentse mashetla ka dithuso tseo di mo file moko mme e bile di thofofaditse tiro ya gagwe.
Mme Mogojwa a re maduo a ne a simolola go bonala mme o kgonne go itsenyetsa pompo mo lwapeng le gone go tlhabolola jarata ya gagwe.
A re go tsenelela ditshupo tsa Letlhakeng le gone go ne ga mo fa sebaka sa go supa tiro ya gagwe mme gape a kgona go dira letseno ka go fenya ka merogo ya gagwe. A re madi a a neng a a dira ka nako eo o ne a kgona go itsenyetsa metsi mo lwapeng mme ebile seo se ne sa mo tiisa moko le go feta.
Mme Mogojwa a re ka kgwebo e, o kgonne go ikagela ntlo ya kamore tse pedi.
“Ke na le keletso ya go lema sephatlo sa ekere mme mathata a magolo ke letlhoko la metsi mme ga nkitla ke itlhoboga ka gore temo ya merogo e na le dipoelo tse di nametsang.”
Mme Mogojwa a re o a tle a rekisetse sekolo se sebotlana sa Salajwe merogo mme seo se mo thusa go dira letseno go tswelela a tokafatsa botshelo jwa gagwe.
“Ka madi a ke a dirang kwa sekolong le banni ba Salajwe ke kgona go duela metsi ntle le tshokolo epe le gone go itirela tse dingwe tsa botshelo.” BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : SALAJWE
Event : Potsolotso
Date : 03 Aug 2022