Breaking News

Tagi ya CAT e senya motse wa Artesia

01 Aug 2022

Banni ba Artesia ba lela ka botlhokatsebe jwa bana ba ba tshwenyang mo motseng, morago ga go dirisa tagi ya CAT, e e leng boupi jwa metswako e e farologaneng.

Ba re motse wa bone o dikile o sa tsoga bogolo thata ka nako ya kiletso mesepele, e ka yone go nnileng le ditagitagi tse le jaana bana ba tsweletseng ka go di dirisa.

Ba ntshitse matshwenyego a mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Daniel Molokwe. Ba kopile mapodise go ba tswa thuso, ka jaana ba tshaba go tswa ka matlo a bone bogolong jang mo maitseboeng.

Monni mongwe o kgadile a sa kgwe mathe ka fa eleng gore botlhokatsebe jo bo tlhotlhelediwa ke gore motse wa Artesia ke makgatlhanela thapong, ka jaana go agile batho ba merafe e e farologanyeng.

A re tsela ya A1 e ralalang motse le yone e ngoka baditshaba.

Ramapodise wa Mochudi, Superintendent Smash Mokoba, o kopile banni go tsosolosa dikomiti tsa twantsho borukutlhi, ka jaana e le tsone gantsi di thusang mapodise go lwantsha borukutlhi jwa digongwana tse di gobeyang mo motseng.

O gateletse gape fa ba tlaa gagamaletsa setoropo boradikgwebo ba ba sa obameleng melawana ya thekiso, morago ga gore banni ba lele ka modumo wa letsatsi le letsatsi mo motseng.

A re motse wa Artesia o tswa kgakala o tshabelelwa ke modumo wa diletso tse di tsenyang kgotlhang mo baaging.

“Motse o o tletse dikhumbakhumba tse di fetang le one motse o,” ga bolela Rre Mokoba.

Supt Mokoba o tsweletse a kopa banni go tsosolosa dikomiti tsa balemi barui, tse le tsone a reng di botlhokwa mo go lwantsheng bogodu jwa leruo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mmoniemang Motsamai

Location : ARTESIA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 01 Aug 2022