Go kopa dikgakololo go botlhokwa
24 Jul 2022
Go botlhokwa go kopa dikgakololo mo go ba ba lebaneng fa batho ba na le dikgotlhang.
Mo potsolotsong, mookamela mapodisi a Bokspits mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa, Superintendent Berman July o kaile fa go le botlhokwa gore fa batho ba tlhoka kutlwisisanyo ba bue le batsadi, ditsala, dikgosi, mapodisi le bangwe go ba thusa go rarabolola dikgotlhang tsa bone.
Se se tla morago ga gore monna mongwe wa dingwaga tse di masome mararo wa Struizendam a tshosetse mokapelo wa gagwe ka go mmolaya kgwedi eno e le lesome le bosupa.
Supt July o tlhalositse fa mosadi yoo wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabongwe a ne a fitlhela mokapelo wa gagwe a na le mme yo mongwe yo go belaesegang ba ratana mme ba tlhoka kutlwisisanyo mo a feletseng a keteka mme yoo teng kwa motseng oo.
O boletse fa e ne ya re mo letsatsing le le latelang mosadi a fitlhela molaetsa mo mogaleng wa gagwe wa letheka o tswa mo mokapelong wa gagwe o mo go one a neng a mo kopa gore a tswe mo botshelong jwa gagwe a tlogele go mo kgoreletsa o tlaa mmolaya, mme mme yoo a ya go ikuela kwa mapodising.
O boletse fa ditlhotlhomiso di sa ntse di tsweletse mme fa rre yoo a ka bonwa molato wa go tshosetsa go bolaya, a ka atlholelwa dingwaga tse di sa feteng lesome mo kgolegelong.
Mo go tse dingwe, Supt July o ne a lebogela banni mo kgaolong ya gagwe boitshwaro jo ba bo supileng ka nako ya malatsi a boitapoloso a ga Tautona bosheng, bogolo jang ka go sa nna le dikotsi tsa tsela.
O tlhalositse fa bontsi jwa batho ba ne ba ile go lebelela metshameko ya kgwele ya dinao. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : BOKSPITS
Event : Posolotso
Date : 24 Jul 2022