Breaking News

Dipetelelo di a oketsega kwa kgaolong ya Mahalapye

19 Jul 2022

Kgaolo ya Mahalapye e gatisitse dikgang tsa  dipetelelo le tiriso botlhaswa ya bana ba dingwaga tse di kwa tlase  di le  lesome le botlhano mo kgweding tse tharo.

Bontsi jwa dikgetse go lemosegile fa di diragala kwa go nowang teng.  

Mo potsolotsong, Mookamela mapodisi a Mahalapye Central , Mme Boitshepo Mudongo o boletse fa bomme ba le lesome le bobedi ba beteletsweng ke banna ba ba kileng ba ratana le bone fa mo go e nngwe mme a beteletswen ke monna yo o ratang le ene, fa mo go tse pedi go beteletswe bana ba sekole .

O supile fa mosetsanyana wa dingwaga tse di lesome le borataro a ne a betelelwa kwa Pallaroad motshegare a emetse dikoloi go ya sekoleng kwa Mookane.  

A re rre yoo o ne a gogela motswasetlhabelo kwa sekgweng kwa a neng a mo dirisetsa teng mme morago a sia, a re ntswa mmelaelwa a ise a tshwarwe ditlhotlhomiso di tsweletse.

Mo go e nngwe, mosetsanyana wa dingwaga tse di lesome le boraro o ne a betelelwa kwa Pallaroad ke rre yo a mo itseng mme a tshwarwa ka jalo ditlhotlhomiso di santse di tsweletse.

A re borre ba tshwanetse go amogela fa ba bolelelwa gore lerato le fedile. 

Mo go dirisiweng  botlhaswa ga bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le boferabobedi, Supt Mudongo  a re mo kgweding tse tharo ba ntse le dikgang tsa mofuta oo dile thataro  mme bontsi jwa tsone di lemogiwa bana ba setse ba imile.

Mo dikgetsing tse, tse pedi ke tsa bana ba ba imileng fa tse nne(4) e le tse di begilweng ke batsadi ba bana fa ba lemoga fa bana ba sa tsene sekolo sentle. 

O tlhalositse fa ba tshwere babelaelwa ba ba dirisitseng bana ba ba imileng fela, fa ditlhotlhomiso le ditlhatlhobo  di santse di tsweletse  mabapi le dikgang tsa ba ba ratanang le bana.

Mo tiragalong e nngwe, a re ba tshegeditse mme wa dingwaga tse di masome a mabedi le bongwe (21) wa kgotla ya Monnedi kwa Taupye ka molato wa go dirisa ngwana wa mosimane  wa dingwaga tse di lesome le borataro kwa Taupye.

Supt Mudongo a re tiragalo eo e begilwe ke mmaagwe mosimane  ka go lemoga dititeo. Fa a sala kgang morago ga supafala fa mokapelo wa mme yoo a ne a itaya mosimanyana morago ga go lemoga fa a ne a tlhakanela dikobo le mme yoo.

O supile fa ba ne ba tshwara mme yoo le mosimane a isiwa sepatela go tlhatlhobiwa mme ditlhotlhomiso di santse di tsweletse.

Supt Mudongo a re ke lantlha ba nna le tiragalo ya mofuta o mme a akgola motsadi wa ngwana go begela ba sepodisisi  ka bontsi jwa batho ba tlhajwa ke ditlhong go isa dikgang fa pele ga molao.

O tlhalositse fa dikgang tsa go dirisiwa ga bana di tshwenya, a re bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le boferabobedi  ga ba ise ba lekane go tlhakanela dikobo.

A re se se tshwenyang ke gore bontsi jwa tsone ga di begelwe mapodisi lentswa batsadi ba lemoga gore bana ba mo maratong, mme di begiwa gole thari bana ba imile.

Supt Mudongo o ikuetse kwa barutabaneng go ela tlhoko go lofa ga bana kwa sekoleng, a re ba bue le batsadi go santse go na le nako go rarabolola bothata jo.

O supile fa go dirisiwa ga bana go kgoreletsa dithuto tsa bone ebile go ka ba bakela malwetsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaone Fati

Location : MAHALAPYE

Event : potsolotso

Date : 19 Jul 2022