Breaking News

Fa ba ka dumela Ramotlabaki o tlaa tsabakela ka sekole sa maemo

14 Jul 2022

Bagogi jwa sekole sa Great Growth Academy bo beile mo maruding a morafe wa Ramotlabaki go ba atla le go ba fa setsha sa sekole.

 kwa Ramotlabaki ka maikaelelo a go fefosa ditlhabololo.

Sekole se, se se tlaa lopang P2.5 billion, se tla se patilwe ke ditlhabololo di tshwana le hotele, lebala la metshameko, le terena e e tsamayang ka fa tlase ga lefatshe.

Fa a abelana mogopolo le banni kwa kgotleng ya Ramotlabaki ka Labobedi, modulasetilo wa Great Growth Academy, Rre Tobias Mweendo o supile fa ba tlaa amogana le bogogi jwa motse moalo wa sekole, go ba thusa go tlhaloganya sebopego sa sekole.

A re mo nakong ya kago ya sekole, keletso ke go hira Batswana ba le dikete di le tlhano, a tlhalosa fa go tlaa hirwa ba le makgolo a le matlhano fa sekole se setse sel e mo tirisong.

Rre Mweendo a re mo tsamaong ya nako, malwapa a le dikete di roba bobedi a tlaa akola mananeo le ditsompelo tsa sekolo se.

A re keletso ke go fetsa kago ya sekole mo sebakeng sa dingwaga tse pedi.

Go le pele, mothusa kgosi kgolo ya Bakgatla, Kgosi Bana Sekai o tlhalositse fa bogogi jwa sekole seo bo kopa go fiwa tetla ya go dirisa lefatshe kwa motseng oo.

O kaile fa ba kopa go dirisa 250-300 hectares go aga sekole le ditlhabololo tse dingwe, mme a kopa banni go amogela ditlhabololo tseo, a tlhalosa fa di ka thusa go tokafatsa itsholelo le matshelo a banni ka go tlhama mebereko.

Fa ba ntsha dikakgelo, banni ba kopile go fiwa sebaka go kopana gore ba ipue ba bo ba dumalane ka bongwefela jwa pelo mabapi le kopo e.

Le fa go ntse jalo, bangwe ba supile fa ba amogela ditlhabologo e bile ba dumela fa di tlaa tsisa diphetogo mo matshelong a Batswana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Sandra Sethaiso

Location : Ramotlabaki

Event : Bokopano

Date : 14 Jul 2022