Kgolagano le Modimo e botlhokwa
12 Jul 2022
Gonne kwa ba le babedi kgotsa ba le bararo ba phuthegileng gone, ka leina lame, foo nna ke gone mo gare ga bone.
Go diragatsa temana e, e e mo go Mathaio 18:20 mo Baebeleng, dikereke ka go farogana di ne tsa kopana kwa ntlong lohalahala ya Boipuso mo Gaborone ka Tshipi.
Moletlo o, o o neng o rulagantswe ke lephata la Banana, Bong, Metshameko le Ngwao, o ne o tsenwe ke matona a puso ba akaretsa tona wa Tsa Madi, Mme Peggy Serame le wa banana Rre Tumiso Rakgare.
Moletlo o ne o rulagantswe go wetsa metseletsele wa dikgaisanyo tse ba ntseng ba di tshwere tse makgaola kgang a tsone a tlaa nnang mo bekeng e e tlang ka malatsi a boitapoloso a ga Tautona.
Dibui ka go farologana ba akgoletse lephata la Banana, Bong, Metshameko le Ngwao ka maiteko a lone a go kopanya dikereke ka go farologana ba supa fa se se tsisa mowa wa kagiso le popagano.
Dithapelo di ne di itebagantse le bolwetse jwa COVID-19, HIV/AIDS, botsogo, go rapelela boeteledipele le itsholelo le gone go isa malebo kwa Modimong.
Molaetsa o mogolo wa Letsatsi o ne wa tswa ka moeteledi mogolo wa lekgotla la dikereke mme a tswa kwa kerekeng ya Seventh Day Adventist, Moruti Strike Ben yo o neng a itebagantse thata le bolela ka bogolo jwa Modimo.
O kopile baeteledipele go nna le tomagano le Modimo gore ba kgone go fitlhelela tse ba lorelang lefatshe la Botswana.
A re go dira jalo go botlhokwa ka go nne moeteledipele o tlaa bo a diragatsa thato ya Modimo mo go tsotlhe tse a di dirang.
Moruti Ben a re boeteledipele bo tshwanetse go itse fa go direla setshaba e le thomo ya Modimo, ka jalo ba dire kgolagano e e popota le Ene gore ba diragatse thomo e ka ketelelo pele le botlhale jwa Modimo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Naomi Leepile
Location : Gaborone
Event : Moletlo
Date : 12 Jul 2022