Breaking News

Lesaso o gomotsa bana le barutabana

10 Jul 2022

Barutabana ba sekole se segolwane sa Mothamo kwa Moiyabana ba rotloeditswe go ithuta le go itse baithuti ka go farologana ka bana ba tswa kwa malwapeng a a farologanyeng, mangwe a na le dikgwetlho tse di sa tshediseng baithuti sentle.

Go sekaseka bana go ka thusa thata, bogolo jang fa go tla mo go reng ba kgalemelwe jang fa go nna le go tswa mo tseleng.

Mothusa Tona wa thuto e kgolwane, Rre Aubrey Lesaso o buile jaana a etetse sekole seo go ba sidila maikutlo, morago ga gore moithuti wa lekwalo la mophato wa bobedi a thabe a bo a bolaya yo mongwe ka thipa fa pele ga bone bosheng. 

A re mabaka a mangwe a tlhoka kgalemo e e faphegileng gore mowa o o maswe o seka wa ama baithuti ba bangwe.

Rre Lesaso a re go botlhokwa go nna le kagiso, a tlatsa ka go re ntswa tiragalo e, e santse e ba tshositse, baithuti le barutabana ba gakolotswe gore ba seka ba nna le lebadi le le sa sutlhegeng mo dipelong ka tiragalo e ba e boneng, e seng jalo ba ka seka ba tshela sentle.

Se se tla morago ga tiragalo e mo go yone baithuti ba ba tswana Thabala ba ba neng ba nna mo sekoleng ba tlhoke kutlwisanyo, ga lowa ga bo gatlhokafala yo mongwe.  e e bakileng leso.

Rre Lesaso o rotloeditse barutabana, bogosi, mokhanselara, mapodisi le batsadi ba baithuti ba ba tsenang kwa sekoleng seo go nna seopo sengwe mme ba tswe ka tlharabololo ya go bopa bana gore ba itse gore ntwa kgolo ke ya molomo.

Mothusa tona o ba kopile go ruta, go kaela le go fa bana dikgakololo tse di maleba gore ba itebaganye le dithuto tsa bone go na le go itira botlhogonkopa.

A re puso e tshwenyegile ka botlhokatsebe jwa baithuti, mme a bolela gore bogogi bo tshwanetse jwa ema ka dinao go busetsa terena mo seporong ka lore le ojwa le sale metsi.

O rotloeditse tshwaragano le tomagano fa gare ga barutabana le batsadi go bopa isago ya bana.

Mo pegong ya gagwe, Mogokgo Bontsibokae Kgosidintsi o boletse fa e rile Seetebosigo a tlhola masome a mabedi le borobabobedi motshegare wa sethoboloko digopa tse pedi tsa thulana mo sekoleng.

Mo ntweng ya bone yo mongwe o ne a ntsha thipa a tlhaba yo mongwe gantsi mo mmeleng mme a ragosediwa kwa kokelwaneng kwa a neng a fetisediwa kwa kokelong ya Sekgoma kwa a neng a rurifadiwa fa a tlhokafetse teng.

O boletse fa moithuti yoo a setse a bolokilwe fa modira dilo a santse a tlhotlhomisiwa le go sidilwa maikutlo.

Motlhokomedi wa baithuti kwa matlong a borobalo, Rre Reabaone Ntswapeng o ne a bolela fa ba duba thankga kwa diphaposing tsa boroko tsa basimane ka bangwe ba ngwega bosigo ba ya kwa motseng ba ya go nwa majalwa.

Rre Ntswapeng o boletse fa sekole se na le baithuti ba bantsi, ka jalo go le mosuke thata mo go ba palelang go ba laola, a re tlhaelo e, e bakile gore bangwe ba robale mo kamoreng ba le masome mararo mme e ka bo e robala ba le some.

O boletse fa go sena malao a ba robalang mo go one mo bangwe ba lalelang ditau.

A re basetsana ba santse ba robala mo dikamoreng tsa Asbestos mo go sa siamelang botsogo, e bile ba tlhapa ka metsi a a tsididi ka sethuthafatsi se senyegile.

A re ba santse ba dirisa matlwana a boitiketso a mahuti a a nnang a tlala mme nyeule ga diboko.

O boletse fa dipolokelo tsa dibuka tsa bone le dithoto dingwe di le makgasa mo e bileng bangwe ba senyetsa ba bangwe.

Rre Ntswapeng a re ba tlhokana le bathusi kwa basetsaneng le kwa basimaneng gore ba kgone go laola seemo. 

O ne a bolela gape fa mosimane yo bolaileng yo mongwe a ne a kgerisa ba bangwe.

A re ka nako ya ntwa o ne a tseetse yo mongwe madi ka dikgoka a bo a a aja, a omanela gore baithuti ka ene ba mo tlaleile gore o ne a ngwegile mo sekoleng.

Go boletswe fa go kilwe ga bidiwa batsadi ba gagwe mme ga palega, ga bidiwa ba boipelego go mo leka mme maiteko a, a itaya sefololetse, a ya go kgwatha kwa kgotleng mme ga seka ga nna le nko e e tswang lemina.

Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa mapodisi a Serowe, Superintendent Poloko Oteng o boletse fa ba tshwenngwa ke dipolaano mo kgaolong ya gagwe.

A re go simolola ngwaga ono go fitlha gompieno ba satse ba gatisitse dintsho tsa mohuta oo di le lesome le bobedi. 

Mo dikgannyeng tsa mosimane o boletse fa ba santse ba tsweletse ka ditlhotlhomiso, mme a kopa bogogi go ela tlhoko boitshwaro jwa baithuti.

Mothusa tona o ne a tsamaya le sekole mme a bona ka fa se leng makgasa ka teng, metsi a dutla gongwe le gongwe terata e kgaogile leruo le tshamekela mo teng fela. 

O solofeditse go dira sengwe ka seemo se se sa jeseng di welang seo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Moiyabana

Event : Loeto

Date : 10 Jul 2022