Breaking News

Sepatela sa Letlhakeng se mo lenaneong

04 Jul 2022

Sepatela sa Letlhakeng se solofetswe go agiwa monogwaga kana ngwaga e e tlang ka sengwe le sengwe se dirilwe.

Ka jalo banni ba kopilwe go nna ka tsholofelo ka sepatela se ntse se le teng mo lenaneong la ditlhabololo.

Mafoko a, a boletswe ke mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng/Lephepe Rre Liakat Kablay fa a ne a buisa phuthego kwa Letlhakeng bosheng.

Mopalamente o ne gape a tlhalosa fa Palamente e dirile molao wa go thusa ba-na-le bogole, a supa fa ba santse ba baakanya ditsetlana tsa one.

O tlhalositse fa molao o ya go thusa ba-na-le bogole ka jaana ba ntse ba sokola, a tlhalosa fa bolwetse jwa Corona bo feditse madi mme puso e tlaa dira se e se kgonang go thusa batho.

Mopalamente Kablay o boletse fa puso e letlelela batho go rua diphologolo tsa naga jaaka kukama, kolobe ya naga, tshepe, phofu le tse dingwe, a bo a kopa bao b aba nang le kgatlhego go ikopanya le ba Lephata la Diphologolo go ya go utlwa tsamaiso.

O tlhalositse fa puso e fokoditse ditlhwatlhwa tsa motlakase go thusa ba ba nang le keletso ya go ka o gokelela mme ba sena madi, go tswa kwa go P5000 go ya kwa go P2800.

Mopalamente o boletse gape fa Batswana ba letlelelwa go ikopanya go ka gokela motlakase kwa masimong, mme goromente a ka thusa.

O ne a rotloetsa banana go kwadisa dikompone tsa bone gore ba iteke go batla ditiro, a tlhalosa fa ditiro tsa kgaolo di tlaa dirwa ke bana ba kgaolo eo.

Mopalamente o tlhalositse fa gape batswakwa ba t la a abelwa ditiro tse Batswana ba sa di kgoneng fela, eseng jaaka pele ba ne ba ba gaisanela ditiro dingwe le dingwe le beng gae.

Rre Kablay o tlhalositse gape fa ba tlaa ya go ntsha lenaneo le lesha la ISPAAD kwa palamenteng e e tlang.

O boletes fa ntwa ya Russia le Ukraine le yone e dirang gore ditlhwatlhwa tsa leokwane le dijo di ye kwa godimo.

Mopalamente o ne a gakolola gape fa komiti ya kgaoganyo melewane e tla, mme puso e tlhalositse fa e sena madi a go oketsa dikgaolo ka jalo e ikaelela go oketsa ka di le nne fela.

O supile fa diphologolo di tsile kwa Motlhware Trust le fa di ise di felele, a supa fa tse dingwe di tlaa tswelela di tla jaaka dikamela.

O tlhalositse fa a tshwenyega ka kgang ya batho ba ba iseng ba atswiwe ba matlo a a ranyegileng fa go agiwa ditsela motseng.

E rile ba tswa la bone banni ba supa fa ba sale ba letile sepatela mme ba setse ba fela pelo.

Mme Sesame Kodima o ne a supa fa go sena matlwana a boitiketso kwa posong mme bagolo ba sokola ka nako ya dikamogelo.

Mokhanselara wa pele wa kgaolo ya Moshaweng, ebile e le mokwaledi wa pele wa ofisi ya ofisi ya mopalamente Rre Tshepiso Lesope o ne a tlhalosa fa ba lebogela molawana wa ba-na-le bogole ka ba ntse ba sa kgone go thusiwa sentle.

O tlhalositse fa ba ntse ba emetse lenaneo la ISPAAD mme le diega ka jaana ba emetse pula.

Mme Njini Aleseng ene o ne a tlhalosa fa goromente a ba phakisa dipeo mme go sena maduo ka jaana ba senyediwa ke diphologolo le leruo.

O kopile goromente go ba sireletsa mo diphologolong le mo baruing ka jaana leruo la bone le ba senyetsa.

Mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Letlhakeng Rre Tumelo Seboko o ne a tlhalosa gore batho ba le masome a mane le bone ba ba neng ba ranyegelwa ke matlo ka nako ya go dirwa ditsela ba tla a duelwa. BOKHUTLO


 

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : phuthego

Date : 04 Jul 2022