Breaking News

Bagwebi ba lela ka letlhoko la mmaraka

23 Jun 2022

Bagwebi ba Xere ba lela ka letlhoko la mmaraka o ba ka rekisetsang dilwana tse ba di dirang.

Bagwebi ba ka bontsi ba dirang ditiro tsa diatla jaaka go roka, go suga matlalo, go apaya borotho, manyena le maseka, dibeke  le mekgabisa ya dibaga, ba tlhoka barotloetsi.

Modulasetilo wa  Komiti ya Ditlhabololo wa Xere, Rre Tebogo Otsile, o buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Talita Monnakgotla kwa Xere, ka Laboraro.

Mme Monnakgotla o ne a etela dikgwebo tsa Xere Multi-Purpose, Xere Textile, 3K’s Craft Beadwork le sekole se segolwane sa Rakops morago ga phuthego.

“Kgwetlho e e leng teng ke gore dikgwebo tse di leng teng, di dira dilwana, mme ga gona kwa ba di rekisetsang teng, kwa ntle ga sekole sa Xere fela.

Batho ba ba dirang dikgwebo tse, ba ne ba isiwa dithutong tsa nakwana go tlhabolola kitso ya bone, jaanong ka go tlhoka mmaraka bangwe ba a tlogela a bo go tsena ba bangwe, jalo jalo,” Mme Monnakgotla a tlhalosa.

Dikgwebo tse di kgolwane, mo Xere, e bong ya Xere Multi-Purpose le ya Xere Textile, a re di rotloeditswe ka madi a fetang P150 000 ka ngwaga wa 2008 le P60 000, ka ngwaga wa 2015, ka go latelana ga tsone.

Mo nakong ya gompieno, a re XERE Multi-Purpose e ntseng e gweba ka go rekisa dijo ka go farologana, jaanong e atolosiwa go tsenya marekisetso a dijo le dino.

Rre Otsile o ne a ngongorega ka go tlhoka go diega mo tirong ga badiri ba Xere Conservation Trust, mo a reng go bakiwa ke go tlhoka dikatso.

Trust e e rotloeditsweng ka P400 000, a re e setse e simolotse go aga lefelo la tsa ngwao (Cultural Village), mme go tlogela tiro mo, go kgoreletsa go wediwa ga yone.

Modulasetilo a re letlhoko la ditiro le baithuti ba ba tsweletseng ka go tlogela sekole ba sa se fetsa ke dingwe tsa dikgwetlho tse di amang motse wa bone.

Fa a tsibogela matshwenyego a, Mme Monnakgotla o kopile boeteledipele jwa Khansele-potlana ya Boteti, jwa motse wa Xere le batsadi go emela kgwetlho ya bana ba ba tlogelang sekole ka dinao gore e bone tharabololo ya sennela ruri.

A re go sekasekwe go bona gore a bana ba ja sentle le gore a ba tshela sentle kwa sekoleng.

Le fa go tse jalo, mothusa tona o supile boitumelo go bo dikgwebo tse di mo Xere di santse di tsweletse sentle, le ntswa go na le kgwetlho ya letlhoko la mmaraka.

“Re le baeteledipele, re lemoga dikgwetlho tse le lebaneng le tsone mo dikgwebong tsa lona. Ka moo, ke rotloetsa badirelapuso gore ba tshwaragane le lona go bona gore mananeo a le a filweng a atlega, gore le kgone go itlhamela ditiro le go tlhabolola matshelo a lona le motse wa lona,” ga bua Mme Monnakgotla.

Modulasetilo wa Khansele-potlana ya Boteti, Rre Molemi Galeragwe, a solofetsa banni fa badiri ba khansele ba tlaa tlhomamisa gore matshwenyego a bone a bona ditharabololo tse di maleba.

Phuthego e, e ne e tsenwe ke Kgosi Diane Jacob wa Rakops, Kgosi Molaodi Moipolai wa Xere, Mothusa Modulasetilo wa Khansele ya Legare, Rre Gabagopole Sebele le Mokhanselara wa Xere, Rre Moiseraela Sekausu. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lorato Gaofise

Location : XERE

Event : Phuthego

Date : 23 Jun 2022