Breaking News

Leagajang o fentse kgaisano

20 Jun 2022

Mme Connie Leagajang go tswa kwa motseng wa Mochudi, o ne a fetoga mampodi wa mogolokwane, kwa Dikgaisanong tsa bodiragatsi tsa Setshaba, tsa kgaolo ya borwa tse di neng di tshwaretswe kwa motseng wa Letlhakeng ka mafelo a beke.

Maemo a bobedi a ne a gapiwa ke  Mme Mmadikgomo Babini go tswa kwa Molepolole, fa Mme Bokang Ranku go tswa kwa Gabane a ne a tsaya maemo a boraro.

E ne e le lantlha mogolokwane o ikemela, mme se sa bona bomme le borre ba iteisana borathana go bona yo o o kgaolang botoka.

Mo mabokong a sekgoa Mme Keitumetse Mooketsi go tswa kwa motseng wa Ramotswa o ne a gapa maemo a ntlha, maemo a bobedi a ne a itsewa ke Mme Debbie Reepanye go tswa Tlokweng fa a boraro a ikgapetswe ke Mme Warona Ndaba go tswa kwa Mochudi.

Rre Omphile Lefutswe go tswa kwa Ramotswa o ne a di goga kwa pele mo mabokong a setswana a longwa serota ke Rre Elvis Kobamo Kgweba go tswa kwa Molepolole, fa Rre Kopanang Tito go tswa kwa Molepolole a be a bona maemo a boraro.

Fa a leboga tiro eo, mogokaganya Ditirelo tsa Banana go tswa kwa ofising ya Mogoditshane/ Thamaga Mme Atamelang Themba, o ne a supa fa maikaelelo a tiro eo e le go godisa bodiragatsi gore kwa bofelong bo godise itsholelo.

O supile fa mogolokwane o le mosha go ikemela ka nosi, a bo a leboga badiragatsi botlhe le baatlhodi, a supa gore ntleng le bone tiro eo e ka bo e ne e sa atlega.

Mme Themba o ne a leboga dikhansele le baeteledipele ba maphata ba ba thusitseng ka dikoloi.

A gakolola botlhe gore mogare wa Corona o santse o le teng, a bo a supa fa o nna montsi thata ka paka ya mariga, ka jalo a kopa mongwe le mongwe go tswelela a sala molao wa ba botsogo morago gore ba tile go tsenwa ke mogare o.. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Kgaisano

Date : 20 Jun 2022