Bogodu jwa leruo bo tsentse tlhako kgamelong
19 Jun 2022
Bogodu jwa leruo kwa Maraleleng mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa,bo ile magoletsa.
Mo potsolosong bosheng, mookamela mapodisi a Tsabong, Superintendent Christopher Tlhapi-David o ne a tlhalosa fa bogodu jwa leruo bogolo jang dihutshane bo sa ba jese diwelang kwa motseng wa Maralaleng.
O supile fa ba gatisitse dikgetsi tse pedi ngwaga o o fetileng mme go utswilwe dihutshane di le masome a mane le botlhano.
A re mo ngwageng ono go utswilwe dihutshane di le lekgolo le metso e mene.
Supt Tlhapi-David o ne a tswelela ka go tlhalosa fa mapodisi ba tshwaraganye le go dirisanya le barui ba koo ka dithuto seka dipuisanyo, diphuthego tsa Kgotla, go bopa dikomiti tsa balemi ka seo se ka thusa go tswa ka ditharabololo tsa go fokotsa borukutlhi joo
O kgothaditse barui go nna gaufi le meraka ya bone, go tsenya ditloloko mo leruong le gone go rua dintsa kwa merakeng
O ne a supa fa go lemosegile fa dihutshane tse gantsi di utswiwang kwa motseng oo wa Maralaleng di tlodisediwa kwa lefatsheng la Afrika Borwa mme se se ngomolang pelo ele gore magodu ao ga a nke a tshwarwa
Mongwe wa ba ba amilweng ke bogodu jo, ke Kgosi David Megano wa Maralaleng yo a tlhalositseng fa magodu ba mo utswetse dihutshane di le masome a mane, mo go tsone dinku di ferabobedi fa dipodi di le masome a mararo le bobedi kgwedi eno e tlhola malatsi a supa kwa morakeng wa gagwe, dikhilomethara di ka nna masome a mabedi gaufi le motse wa Maralaleng.
O boletse fa modisa a ne a tlhatlhela dipodi di le mmogo mme maphakela a ya go batla nku nngwe e e neng e seo, ka jalo ya re fa a boa a fitlhela go tlhaela dipodi dingwe mo lesakeng la dipodi le la dinku ka masaka ao a bapile.
Kgosi Megano o ne a tswelela ka go tlhalosa fa modisa a ne a lemoga motlhala wa batho ba le bararo o o neng o dikologa lesaka mme morago ba o sala morago.
A re motlhala wa magodu ao o supa fa ba ne ba gatelela dipodi tseo go fitlha kwa ya molelwaneng wa Afrika Borwa.
A re ga se lantlha magodu ao a dira go rata ka leruo la gagwe ka e ne ya re ka ngwaga o o fetileng ba mo utswela dipodi di le masome a mabedi le boraro mme ngwaga ono ka kgwedi ya Mopitlo ba ipoeleditse ka go mo utswela merobanyana e le lesome le botlhano.
O boletse fa magodu ao gantsi ba dira borukutlhi joo bosigogare ka nako ya batho ba robetse.
A re ga se ene fela yo amilweng ke bogodu jo ka mo nakong eno ba setse ba utswetse barui ba le bararo dihutshane tse di fetang lekgolo ka palo.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : MARALALENG
Event : Potsolotso
Date : 19 Jun 2022