Breaking News

Dipetelelo di a oketsega ko Mahalapye

16 Jun 2022

Mapodisi a Mahalapye a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mme wa dingwaga tse di masome a mane le bone wa kgotla ya Madiba a neng a beteletsweng ke monna wa dingwaga tse masome a mararo le bone wa kgotla eo kwa Mahalapye.

Mookamela Mapodisi a Mahalapye Superintendent Omphile Malemenyane o boletse fa mme yoo a ne a itisitse le tsala ya gagwe bosigo mme ba tswa go ya go reka sengwe mme ba tlogela ntlo e sa lotlelwa.

O tlhalositse fa monna yoo a ne a sala a tsena mo ntlong a bo a iphitlha ya re fa bomme bao ba boa, wa tsala ya gagwe a ya kwa ga gagwe, mme yoo e ne a tsena mo ntlong go ya go robala. Supt Malemenyane a re erile mme yo o a tsena mo ntlong monna yoo a mo tshosetsa ka thipa a bo a mmetelela, morago a inaya naga.

A re mme yoo o ne a ya go kopa thuso kwa baagisanying ba ba ileng ba leletsa mapodisi. Supt Malemenyane o boletse fa mme yoo a ne a isiwa kwa sepateleng sa Mahalapye kwa a neng a alafiwa abo a gololwa ka a ne a sena dikgobalo dipe.

A re mapodisi a ne a kgona go tshwara mmelaelwa yo a itshupileng fa pele ga lekgotla la mmakaseterata ka Mosupologo mme a tlaa boa a itshupa gape kgwedi eno e le masome a mabedi le bone.

Superintendent Malemenyane o gakolotse setshaba go tlogela ba lotletse matlo ka nako tsotlhe.

Mo tiragalong e nngwe, mapodisi a Mahalapye a tshegeditse monna wa dingwaga tse di masome a mabedi le bobedi wa moraka wa Modiane go bapa le Mahalapye, yo a neng a betelela mme wa dingwaga tse di lesome le boferabongwe.

Supt Malemenyane a re mme yoo, o ne a na le rre mongwe wa dingwaga tse di lesome le boferabongwe yo mmelaelwa a neng a mo tlogela ka dikgobalo tse di masisi. A re tiragalo eo e diragetse bosigo mme selalome se fitlhetse bobedi joo bo robetse mo ntlong.

O boletse fa monna yoo a ne a bolela fa e ne le mme yoo ba santse ba ratana fa mme yoo ene a supile fa ba sa bolo go kgaogana. A re mo go gorogeng ga gagwe, monna yoo o ne a lwantsha rre yo a neng a mo fitlhela le mme yoo a bo a mo tlhaba ka sengwe se se bogale mo dikgopong, morago a gogela mme yoo kwa ga gagwe kwa a neng a fitileng a mmetelela.

O supile fa baagisanyi ba ne ba leletsa ba sepodisi ba ba neng ba fitlhela rre yoo a na le dikgobalo tse di masisi. A re mapodisi a ne a isa bobedi joo kwa sepateleng kwa wa rre a neng  a fitisetswa kwa sepateleng sa Nyangabwe.

Supt Malemenyane o boletse fa  a tshwerwe  kwa masimong a Ditwetwe go bapa le Shoshong. A re rre yo o gobaditsweng o a sidilega fa wa mme ene a ne a tlhatlhojwa a bo a gololwa ka a ne a se na dikgobalo dipe.

Go ya ka Supt Malemenyane mmelaelwa  yoo a ne a itshupa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata kgwedi eno e le lesome le boraro mme a tlaa boa a itshupa gape kgwedi eno e le masome mabedi le bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onkarabile Moeng

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego

Date : 16 Jun 2022