Emisang go gobatsa ditlou
09 Jun 2022
Batswana ba kopilwe go emisa go lwantsha le go gobatsa ditlou fa ba kopana le tsone.
E rile a bua kwa phuthegong e e neng e rulagantswe ke mopalamente wa Maun Botlhaba, Rre Goretetse Kekgonegile, kwa kgotlaneng ya Thito kwa Maun, mogolwane kwa lephateng la diphologolo le makgabisa naga, Rre Mmoniemang Lere, a tlhalosa fa ba tshwenngwa ke gore batho bangwe ba hula ditlou, ba di gobatse ba bo ba di tlogela di tsamaya.
A re fa tlou e golafaditswe e nna borai thata, ka jalo fa e kopana le batho e a ba tlhasela ka e akanya gore ba tsile go e gobatsa gape.
O gateletse gore batho ba tshwanetse go leletsa lephata la diphologolo le makgabisa naga nako tsotlhe fa ba bona diphologolo tsa naga gore e nne bone ba ba tla di tshwarang ka ba rutuntshitswe go dira jalo.
O tsweletse ka go kopa balemi ba ba senyeditsweng ke diphologolo tsa naga go tla ka setlankana sa masimo a bone.
Rre Lere o tlhalositse fa yo o senyeditsweng a tlamega go bega tshenyo pele ga malatsi a supa a feta.
O buile fa mo nakong ee fetileng ba lemogile fa bangwe ba roba dijwalo mo masimo mme ere morago ba sianele kwa go bone ba tlhalosa fa ba senyeditswe ke diphologolo lentswa go sa nna jalo.
Rre Lere o kopile gore mokgwa wa go sa bua nnete o eme mme a re go tsietsa puso ke molato o motho a ka o atlhololelwang ke lekgotla la ditsheko.
Rre Lere o tlhalositse fa molemi a atswiwa P700/ 10 square meter fa a a jetswe lebelebele, P176 mabele, P2 500 dinawa, nche P2 000, manoko P2 100, fa ditloo e le P4 500.
A re fa poo e jelwe ke tau morui o atswiwa P5 500 mme le fa go ntse jalo a re ba lephata la gagwe ba dira ditlhotlhomiso tse di tseneletseng tse di akaretsang go netefatsa lefelo la ditiragalo.
Rre Lere o buile fa kgomo e namagadi kana pholo di duelwa P3 000, namane P1 000, pitse P2 500, podi P157 fa di bolailwe ke diphologolo tsa naga.
O kopile balemi barui go tsibogela dikgang tsa go senyetswa ke diphologolo tsa naga gore go nne motlhofo gore lephata la bone le tlhotlhomise dikgang tse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Ikgopoleng
Location : MAUN
Event : Phuthego
Date : 09 Jun 2022