Breaking News

Mohembo East o batla ditlhabololo

08 Jun 2022

Banni ba Mohembo East kwa Okavango ba ngongoregile gore motse wa bone o saletse kwa morago mo ditlhabololong.

Ba buile se mo phuthegong e buisiwa ke mopalamente wa Okavango, Rre Kenny Kapinga ka Labobedi.

Kgosi Moduelo Makushe a re matshwenyego magolo ke go bo motsana oo o sa rurifadiwa semmuso le ntswa o sale o nna teng pele ga lefatshe leno le tsaya boipuso.

A re ke one wa ntlha kwa moseja ga noka ya Okavango kwa botlhaba.

Kgosi Makushe a re go sa rurifadiwa go dira gore motsana oo o tlhoke ditlhabololo jaaka motlakase le metsi ka di tlhoka gore banni ba bo ba na le ditlankana tsa bonno.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo a re seemo seo se ba beile ka fa mosing, ka ba sa bone ditlamelo tse ba di tlhokang, a tlatsa ka gore, o dumela fa dipalo tsa bone di lekane go ka nna motse.

Mongwe wa banni, Rre Kepaletswe Dibebe le ene o ne a ngongoregela go sa rurifadiwa ga motsana wa bone, mme a re ba lebogela borogo jwa Mohembo jo bo gaufi le go bulwa.

Banni ba ne gape ba supa matshwenyego ka tshenyo ya diphologolo tsa naga le gore bana ba tsamaya sekgele se seleele go ya sekolong kwa Gowa.

Fa a ntsha la gagwe, Rre Kapinga a re o beile tsholofelo mo palo bathong e e sa tswang go dirwa, a re gongwe dipalo tsa motsana oo di tla a lekana gore o fiwe maemo a go nna motse.

Rre Kapinga a re go thona go bo motsana oo o sena ditlhabololo le ntswa puso e agile borogo jwa tlhwatlwa e e kalo mo go one, a solofetsa fa a tla a tswelela o buelela gore o bone ditlhabololo.

O ne a gwetlha batsadi go rotloetsa bana ba bone go rata sekole gore ba kgone go dira sentle mo dithutong.

Rre Kapinga o bile gape a kgothatsa banana ba Mohembo East go aga matlo a ba ka a hirisetsang babereki kwa Shakawe. BOPAO tlhalositse fa dikatlholo tsa bogodu jwa leruo di okeditswe  mme modira molato o ka atlholelwa kgolegelo ya dingwaga di le supa go ya kwa go tse lesome le bobedi a tlatsa ka gore fa o utswa leruo kgapetsakgapetsa o tlaa atlholelwa go ya kwa go tse masome mabedi.

Rre Motube o kgothaditse barui gore ba tsenelele dikomiti tsa ntebele ke go lebele tsa kwa merakeng gore ba itse badisa ba meraka e e bapileng le bone gore fa ba ka bona sengwe se se belaetsang ba tsiboge. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : MOHEMBO EAST

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 08 Jun 2022