Breaking News

Khamphani ya moepo wa sandfire e thusa baithuti

05 Jun 2022

Khamphani ya moepo wa kopore ya Sandfire e tsere boikarebelo jwa go duelela bana bale lesome le botlhano dithuto tse di kwa tlase ga lokwalo la bongwe kwa sekolong sa bananyana sa Morama mo Ghanzi.

Fa a bua kwa moletlong wa go rola maitlamo ao ka Mosupologo, mookamedi wa moepo wa Sandfire, Rre Daniel Marsh o tlhalositse fa moepo oo, o tshwaragane le komiti ya ditlhabololo ya kgotla ya Morama, batla thusa bana bale lesome le botlhano ba tlhokileng lesego.

Rre Marsh a re ntswa khamphani ya moepo wa Sandfire e tla thusa bana bao ka madi a kanag ka P 162,000 ka kakaretso mo sebakeng sa ngwaga tse tharo, komiti ya ditlhabololo ya kgotlana ya Morama yone e tla baya leitho gore bana ba tsena sekolo sentle.

O tlhalositse gore maikaelelo ke go rotloetsa thuto gotswa kwa moding le go netefatsa gore ba ba tlhokileng lesego ba bona thuto sentle.

Fa a ntsha la gagwe mokhanselara wa Morama, Rre Jeremiah Tibi o lebogetse moepo wa Sandfire go tsenya letsogo mo thutong, a supa fa bana ba na le tshwanelo ya thuto.

Rre Tibi yo o tlhalositse gore maikalelo a puso ke go tswakanya itsholelo ka go tswa mo go ikaegeng ka ditswammung mme e rotloetsa go ikaega ka dikitso.

A re setshaba se tshwanetse go tsaya boikarebalo jwa go godisetsa bana mo thutong.

Mme Sarah Xhoyamakwe yo ngwana wa gagwe a tla thusiwang, a re kopone ya moepo wa Sandfire e supile lerato mo morafeng wa Ghanzi ebile a re Modimo otla ba segofatsa.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : GHANZI

Event : moletlo

Date : 05 Jun 2022