A puso e tshwaraganele ditlhabololo le bagwebi
02 Jun 2022
Thulaganyo ya ditlhabololo e e ntshediwang madi ke puso e le yosi, e tshwanetse ya fetolwa.
Go buile jalo Rre Thuso Tumelano yo o neng a emetse bagwebi ba motse wa Nata le tikologo fa a ne a akgela mo phuthegong e e neng e buisiwa ke
Lekoko le le romilweng ke Tautona go phutha megopolo mo setšhabeng ka tshekatsheko ya molao-motheo kwa motseng wa Nata ka Labone.
A re bagwebi ba ba nang le madi-madi ba tshwanetse ba letlelelwa go dira ditiro dingwe tsa ditlhabololo mme ba di dirise go dira dipoelo mo lebakeng le le rileng.
Go dira jalo go ka thusa go fefosa thulaganyo ya ditlhabololo segolo jang ka dinako tse puso e tlhaelelwang ke madi.
Mo go tlhongweng ga matona, mogwebi yoo a re maemo a go nna jalo a tshwanetse a neelwa Batswana ba ba nang le bokgoni. A re gape molao-motheo o tshwanetse wa itsa go tlhophiwa ga mapalamente ba go nna matona.
Moemedi wa mokgatlho wa TORA-DAO, o o thusang go ranolela Baebele mo puong ya Sesarwa, Rre Kemoitatotse Kure ene o ne a kopa gore molao-motheo o lemoge Basarwa jaaka Bakhwe.
Go ya ka mogokaganyi yoo wa TORA-DAO lefoko Mosarwa ga se leina, ebile Sesarwa ga se lefoko le le tlhalosang puo ya morafe wa Bakhwe.
“Lefoko Mosarwa ke leina seka letlhalosi, ke lefoko fela le go neng go lekwa go tlhalosa ka fa rona re neng re tshela ka teng re sa ruwe diphologolo jaaka Merafe mengwe. Mo-sa-rua go tewa gone gore re ne re le batho ba ba tshelang ka go tsoma le go bapala maungo a naga,” a tlhalosa jalo. Rre Kure o ne a kopa gape gore tiriso ya dipuo ka go farologana e letlelelwe ka fa molaong.
Ba lekgotla la barui la Didibakwe bone ba ne ba kopa gore diphologolo tse di tshwanang le phokoje le phiri di akarediwe mo diphologolong tse puso e phimolang dikeldi balemi barui fa di ba senyeditse.
Moemedi wa Didibakwe, Rre Amon Selabe o ne gape a kopa gore molao-motheo o patike gore ditsheko tsotlhe tsa leruo di sekelwe kwa makgotleng a Setswana.
O ne a re: “Ke kopa gore molao o wa ditshipi tsa dikgomo o ntshiwe kwa go lephata la matlhoko a leruo o neelwe ba bogosi go lwantsha bogodu jo bokanakana ka mongwe le mongwe jaanong a itirela tshipi.”
Rre Selabe o ne gape a kgala tsamaiso ya nako eno e a reng e neela badira-melato ditshwanelo tse di ntsi fela thata go balelwa le tshwanelo ya gore mosekisiwa a ikgethele gore o sekela kae.
Rre Selabe a re molao-motheo o tshwanetse wa tlhamalala wa rebola maphata otlhe a itshireletso go tshola ditlhobolo, go namola setshaba mo dirukutlhing.
Fa a latlhela la gagwe, Rre Galethata Zibani yo lekgotla la gagwe le emeng kgatlhanong le kgokgontsho o ne a kopa gore molao-motheo o kganele dikgosi go tsena mo polotiking.
Rre Zibani yo o neng a tlhalosa fa a le kgatlhanong le mogopolo wa gore setshaba se itlhophele Tautona, o ne a supa fa puso e tshwanetse ya dirisa ditsamaiso tse dingwe tsa ditlhopho jaaka propotional representation go nonotsha puso ya batho ka batho.
“A molao o letle gore Tautona fela jaaka motho mongwe le mongwe a sekisiwe fa a dirile molato,” a wetsa jalo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mooketsi Mojalemotho
Location : NATA
Event : Tshekatsheko molao-motheo
Date : 02 Jun 2022